Kgaolo e tlaa agelwa diofisi tsa sepodisi
20 Feb 2023
Kgaolo ya Lerala/ Maunatlala e tlaa agelwa diofisi tsa sepodisi le matlo a boroko a bodiredi a supa e bo e fiwe koloi mo ngwageng wa madi o o simololang ka Moranang kwa Lerala.
Ofisi e ke nngwe ya tse di masome a mararo tse di tlaa agwang lefatshe ka bophara.
Tona wa Itshireletso le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o boletse jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Lerala ka Labone.
Rre Mmusi a re maikalelo ke gore lenaneo le simolole ka Moranang.
Mo go tse dingwe tona o ne a lekodisa banni gore lenaneo la KgomoKhumo le ya go nna lekalana e bile e tlaa bo e le teng ka dinako tsotlhe mo diofising tsotlhe tsa sepodisi lefatshe leno ka bophara.
O buile jaana fa a araba selelo sa bone sa bogodu jwa leruo jo bo sa jeseng banni diwelang.
Rre Mmusi a re lephata la gagwe le tshwentswe ke borukutlhi jo bo golang ka lebelo le le kwa godimo mo lefatsheng leno ka bophara segolo jang jwa leruo.
A re ba eme ka dinao go bo lwantsha, a tlhalosa fa ba tlaa dirisa dithata tsotlhe tse ba nang le tsone go lwantsha segajaja se.
Tona a re ba tshwenngwa ke tiriso ya ditagi mo baneng ba dikole, a re maikaelelo ke go tsena ntlo le ntlwana ba phuruphutsha babelaelwa ba ba gwebang ka ditagi ka letsholo la bone la Phatlalatsa.
A re kgang e ya borukhutlhi e, e tlhoka tshwaragano ya morafe le mapodisi ka gore ba a itsane, e bile go le gantsi ke bone ba bonang dikgang tse fa di diragala.
Motshwarelala ramapodisi a Botswana, Commissioner Phemelo Ramakorwane o gakolotse banni go tswa ka maano a a ka ba thusang go lwantsha bogodu jwa leruo.
Commissioner Ramakorwane o rotloeditse banni gore ba tshwaragane mme ba tswe ka methale e e ka ba thusang go lwantsha kgang e.
O ba rotloeditse gore ba tsee malebela kwa baruing ba Bobirwa, a re ba na le maano a a nonofileng a go lwantsha bogodu jwa leruo.
A re tshwaragano ya bone le sepodisi ke yone e ka ba thusang go fenya kgang e, a gakolola batsadi go itse bana ba bone le go ela tlhoko metsamao ya bone.
Mongwe wa banni Rre Jecob Mothowaeng a re kgang ya bogodu jwa leruo e tsere phekelo e sele mo ba setseng ba iphotlhere.
A re dilalome tse di dirile masaka mo sekgweng, a tlhalosa gore ba kopa go thusiwa ka jaana seemo se kokonela itsholelo ya bone.
Kgosi Molebatsi Moroka III wa Lerala, o boletse fa ba sa tsosiwe ke borukutlhi jwa go thujwa ga matlo, dipetelelo,tiriso ya ditagi mo dikoleng le bogodu jwa leruo.
O akgotse mapodisi a kgaolo a re ba eme ka dinao ba tshwaragane le morafe go bo lwantsha, a tlhalosa gore mo dikgweding tse di fitileng ba ne ba na le dikgang tse dintsi tsa borukutlhi mo Lerala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 20 Feb 2023