Breaking News

A borre ba tsee boikarabelo

20 Feb 2023

Borre ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone, gammogo le go nna le seabe mo kgodisong ya bana.

Mookamedi wa Botswana Faith Based Organisations Network on HIV/AIDS and Health Promotion (BOFABONETHA), Rev. Mpho Moruakgomo kwa Pitsong ya Borre ba Mookane, kwa kgotleng ya Mookane ka Matlhatso.

Pitso e, e e neng e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Monna Tia, Tsaya Taolo, e ne e rulagantswe ke lekalana la MindPower Movement ka tshwaragano le BOFABONETHA le setlhopha sa kgwele ya dinao kwa Mookane sa Remmogo Social Club.

“Borre re saletse kwa morago mo go tseyeng boikarabelo jwa botsogo jwa rona. Ka jalo, go botlhokwa gore borre re tsee boikarabelo gore re kgone go iphemela mo go latlhegelweng ke matshelo ka malwetse a re kabong re a tlhatlhobetswe ra bo ra fiwa kalafi kgotsa diritibatsi nako e sale teng,” ga bua Rev. Moruakgomo.

A re go botlhokwa gore fela jaaka bomme, borre ba netefatse gore gangwe le gape ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana.

Seo, a re ke yone fela tsela e borre ba ka ipabalelang mo go latlhegelweng ke matshelo ka lebaka la makowa mangwe a a kabong a tsibogetswe nako e le teng.

Mo go tse dingwe, Rev. Moruakgomo o rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa go tshwaraganela kgodiso ya bana le bomme.

A re ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe gore batsadi ba gagwe ka bobedi ba nne le seabe mo kgodisong ya gagwe.

Go dira jalo, a re ke selo se se molemo mo kgodisong ya ngwana ka go ka thusa go fokotsa botlhoka tsebe jo bo golelang pele mo lefatsheng.

“Borre, basadi ba tshwere bothata, ba imelwa ke bana, ka gore bontsi jwa rona re ba tshodisa bana re bo re ba phuaganya re sa ba thuse go ba godisa,” a tlatsa.

Fa a tlhalosa maikaelelo a pitso e, mookamedi wa MindPower, Dr Godfrey Sebidie o supile fa e ne e le go rotloetsa borre le bana ba basimane go tsaya boikarabelo jwa botsogo jwa bone le go ba rutuntsha ka botlhokwa jwa go nna ba itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng le a a tshelanwang jaaka; sukiri, madi a matona, kankere le HIV.

Pitso ya Borre, Dr Sebidie a re maikaelelo a yone a mangwe e ne e le go rotloetsa borre le basimabe go ikgapha mo dikgannyeng tsa borukutlhi bo tshwana le; kgokgontsho ya bong, dipolao, go ikgapela botshelo, go itseela dikobo ka dikgoka le go dirisa bana ba bannye botlhaswa, gareng ga tse dingwe.

Tiro e, e e neng gape e tseneletswe ke basimane ba sekole se segolwane sa Mookane JSS, e ne gape e akaretsa mogwanto wa dikhilomithara tse tlhano le motshameko wa kgwele ya dinao.

Mo malebong a gagwe, mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko o lebogetse Rev. Moruakgomo thuto e a e aroganeng le borre le ba-tsaya karolo mo go rulaganyeng pitso e, a bo a akgola le ba ba neng ba ipha sebaka sa go tla go itseela molaetsa le go itlhatlhobela malwetse kwa pitsong e. “Re arogane dikgang tse dintsi tse e leng gore ke matshwenyego mo lefatsheng la rona. Mme re ya go leboga Rev. Moruakgomo gore o re rutile go le gontsi gompieno, e bile o re amile mo go faphegileng re le borre. Ke dumela gore go tsweng fa, re ya go nna borre ba ba nang le boikarabelo mo malapeng le mo matshelong a bana ba rona,” a tlatsa.

Mo godimo ga moo, Rre Boko o rotloeditse borre go godisetsa bana mo tumelong, a re go dira jalo go ka thusa go kgapha bana mo go ikamanyeng le ditiro dipe tsa botlhokotsebe, jaaka borukutlhi le tiriso ya dinotagi le diritibatsi.

Kgosi ya Mookane, Kgosi Borumolano Tshipana, mopalamente wa pele wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele le mokhanselara wa Mookane, Rre Thebe Setlalekgosi ba ne ba tseneletse pitso e.  BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MOOKANE

Event : Pitso ya Borre

Date : 20 Feb 2023