Mapantsula a rotloeditswe go ikgapha
20 Feb 2023
Mapantsula a rotloeditswe go ikgapha mo masuleng go itsa gore setshaba se ba amanye le ditiro tsa borukutlhi jaaka go kile ga bo go diragala.
Mokhanselara wa Boikago/Madiba kwa Palapye, Rre Boitshoko Kinnear o buile jalo kwa dikgaisanyong tsa mmino wa sepantsula tsa kgaolo ya Legare, tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye ka Matlhatso.
Dikgaisano tse, di ne di rulagantswe ke ba mokgatlho wa Botswana Pantsula ba tshwaragane le Lephata la Banana, Metshameko, Bong le Ngwao.
Rre Kinnear a re leina la mapantsula le sa le le senyegile bogologolo ba tshajwa bobe, ba amanngwa le borukutlhi mme a ba kgothatsa go phimola dikakanyo tse ka go dira molemo.
O ba rotloeditse go diragatsa maitlamo a bone a go godisa mmino wa sepantsula gammogo le go supa bokgoni jwa bone.
Rre Kinnear a re puso e lwantsha kgokgontsho mme go a itumedisa go bona ba eme ka dinao go dira seabe sa bone.
Mokhansalara o kopile mapantsula go nna badiragatsi ba tlhwatlhwa ba diragatsa maitlamo a bone a Donty ka Okapi, Donty ka Ghoni.
A re ba seka ba dirisa mokgatlho e le monate fela, ba ise molaetsa go aga banana le go ba ntsha mo mekgwatheng.
A re ba apara kapari e ntle mme go botlhokwa gore ba dire dilo tse dintle, tse di tsamaelanang le yone.
Tautona wa mokgatlho wa Botswana Pantsula, Rre Peter Modise a re mokgatlho o kwadisitswe ka fa molaong ka 2018 e bile o na le makalana a le masome mane le bosupa.
A re 85 per cent ya maloko ke banana, 15 per cent ke bagolo.
Rre Modise a re ba itlamile go lwantsha kgokgontsho ya bong, tiriso ditagi le bojalwa tse a reng ke tsone di gogelang batho mo go direng bosula.
A re ba itlamile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, a supa fa ba agetse mongwe wa mabutswa pele a mmino o ntlo ya P170 000 kwa Mahalapye.
Rre Modise a re go botlhokwa gore ba ikemele ka dinao ba thuse puso, a tlhalosa fa ba bolokana fa mongwe ka bone a tlhokafetse.
O tlhalositse gape gore mokgatlho o wa mapantsula, o kgapha banana mo ditseleng tse di kgopo.
Mokwaledi mogolo wa mokgatlho, Rre Laki Kunene a re maikalelo ke gore le bone ba tsenelele dikgaisanyo tsa bodiragatsi go godisa mmino wa sepantsula o o tlogetsweng kwa morago.
Rre Kunene a re lephata la banana le ntshitse P400 000 go dirisiwa mo dikgaisanyong tsa mmino wa sepantsula mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno.
Serowe Pantsula Group ke bone bafenyi ba dikgaisanyo tsa pantsula Donty ka Okapi, ba latelwa ke Mahalapye fa Palapye e ikgapetse maemo a boraro.
Mo baema-nosing ba borre, maemo a ntlha a ikgapetswe ke Koketso Sedisa wa Serowe, a latelwa ke Kefentse Rangole wa Palapye fa Thapelo Gaditshwane wa Mahalapye a tsere a boraro.
Baema-nosi ba bomme bone ba fentswe ke Bame Goememang wa Mahalapye a longwa serota ke Lesego Oganne wa Ramokgonami fa maemo a boraro a ikgapetswe ke Florah Letshwenyo wa Serowe.
Bafenyi ba ya go tsenelela dikgaisano tsa makgaola kgang ka Moranang kwa Gaborone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Dikgaisanyong tsa mmino wa sepantsula
Date : 20 Feb 2023