Breaking News

Balemi ba Sefhophe ba solofetse thobo

19 Feb 2023

E re le ntswa temo ya mono-ngwaga e le boutsana ntateng ya dipula tse di kwa tlase, balemi ba Sefhophe ba tlaa dika ba o orile wa mariga.

Mme Osenotse Letswamotse yo e leng molemi wa masimo a Ntswana ke mongwe wa ba e rileng fela pula ya ntlha e phaila a bo a setse a itlhomile kwa pele go baya ditema di supa, tse tharo di gasitswe tse nne a di lemile ka ditselana.

“Ke sale ke lemile ka Morule e simolola mme go ne go solofetsa.

Hirikgong o ne a tla ka letsatsi le lentsi thata dijalo ka bontsi tsa amega, bogolo jang mmidi ka o tlhoka metsi a mantsi,” ga tlhalosa jalo Mme Letswamotse mo potsolotsong.

A re pula e e ntseng e na mo kgweding e ya Tlhakole e tsositse dijalo tsa gagwe mme le ene o solofetse go oba letsogo fa balemi ba bangwe ba roba.

O tlhalositse fa a lemile dinawa, magapu, mmidi, mabele, manoko le lebelebele.

Mme Kewagamang Moabi wa leota la Mokgacha a re pula e e tsweletseng ka go na mo kgaolong ya bone e dirile pharologanyo e ntsi ka jaanong dijalo di tsogile.

A re dijalo tsa gagwe di ne di babaletswe ke letsatsi mme jaanong seemo se botoka, a tlhalosa fa metsi a pula e le molemo mo dijalong.

Le fa go ntse jalo, a re ga a a solofela go le gontsi mo temeng ya mmidi ka mmidi wa gagwe o tlhasetswe ke seboko.

Mme Moabi a re mabele a dira sentle le fa a sa batle pula e ntsi ka e a bodisa, a tlatsa ka go re dinonyane le tsone di tsere phekelo e sele mo tshimong ya gagwe di ja mabele.

A re go agelelwa ga leota la bone go thusitse thata go laola leruo gore le seka la ba senyetsa mme a re fa e ne e se jalo le bone ba ka bo ba lela jaaka balemi ba bangwe.

O rotloeditse batho go tswala diheke gore dikgomo di seka tsa tsena.

Mme Dipuo Rankaisang le ene ke mongwe wa balemi ba ba neng ba ipaakanyetsa temo ya mono-ngwaga gore a kgone go oba lebogo, bogolo jang ka ditlhwatlhwa tsa dijo di ile magoletsa.

Mo godimo ga dijalo tse a di lemileng o ne a lemela dikoko sonobolomo, a tlhalosa fa a tlhakanya sonobolomo le mmidi gore dikoko tsa gagwe di tsenye nama.

Mme Rankaisang a re o setse a simolotse go ga letlhodi le morogo mme o ikaelela gore a je a bo a rekise tse dingwe.

E re dikgang di eme jalo, ba Lephata la Temo-thuo ba tlhalositse fa temo ya kgaolo ya bokone e tlaa tswalelwa kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le bobedi. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SEFHOPHE

Event : POTSOLOTSO

Date : 19 Feb 2023