Breaking News

Mascom e rolela morafe Kitsong Centre

19 Feb 2023

Monana wa Tsabong, Mme Ineeleng Mosweu o roletswe Caravan ya ditirelo le ditlamelo tsa Mascom Wireless, go e dirisa e le kgwebo go thusa go fetola botshelo jwa gagwe jaaka e le maikemisetso a khamphani eo.

Mogolwane go tswa Mascom, Mme Lilly Sullivan, a re maikemisetso a khamphani ke go atolosa le go tlhabolola mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo ka gompieno ditiro ka bontsi di dirwa ka one.

Fa a rolela Mme Mosweu le morafe ditlamelo tsa Mascom ka Labotlhano, Mme Sullivan o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go netefatsa gore Motswana ope a seka a salela kwa morago mo go itlhabololeng ka maranyane.

A re ba okeditse maranyane a 4G, a a tlaa thusang thata badirisi, bogolo banana mo tirisong ya Internet e e bonako, go itshimololela dikgwebo, ditiro le gone go thusa bana ba dikole mo go tsa thuto.

O boletse fa lenaneo la Mascom Kitsong Centre le simologile ka 2009, mme e bile mo nakong ya gompieno makalana a lone a setse a oketsegile go nna lekgolo, lesome le bone, Tsabong a le mo teng.

Mme Sullivan o tlhalositse gore fa go batlwa monana yo o tlaa tsamaisang Tsabong Kitsong Centre, go setswe morago ditsamaiso di akaretsa go ikopela tiro, potsolotso le ithuthuntsho ya tiro gareng ga tse dingwe.

O ne a supa fa ba dirile jalo gore Mme Mosweu e nne ene yo o tlhophilweng go akola go tsamaisa ditirelo tsa Tsabong Mascom Kitsong Centre, e bile letseno le a tlaa bong a le dira le akolwa ke ene go leka go tokafatsa botshelo jwa gagwe, e le maiteko a khamphani eo go leka go fokotsa letlhoko la ditiro mo bananeng.

Gape o ne a kopa boeteledipele jwa motse, mapodisi, masole le ba-tsaya karolo botlhe go thusa mo dilalomeng tse di busetsang ditlhabololo le maiteko a khamphani morago.

A re magodu a tsweletse ka go senya le go utswa didirisiwa jaaka malatlha le tse dingwe mo madirelong a bone, mme seo se baya matshelo a Batswana mo diphatseng ka nako tse ba tlhokang dithuso tsa potlako ba dirisa maranyane di akaretsa tsa botsogo le tsa itshireletso.

Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe o ne a phophotha Mascom legetla ka ditirelo le ditlamelo tse e tswang kgakala e di neela Batswana gammogo le puso.

Rre Baitsiwe o ne a supa fa baeteledipele ba amogela ka diatla tsoo-pedi maiteko le maikemisetso a Mascom, ka go atolosa maranyane a 4G mo mafelong ka go farologana.

Modiri go tswa mo lekalaneng la Mascom Fraud & Revenue Assurance office, Rre Geoffrey Magano o ne a gakolola badirisi ba Mascom le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo manweenweeng a a felelang a amoga batho madi ka boferefere, ka go ba raya ba re ke bafenyi mo kgaisanyong nngwe.

Rre Magano o ne gape a ba tlhagisa gore ba seka ba neela ope dinomore tsa sephiri tsa ditirelo tsa bone tsa madi le gone go baya dikarata tsa dibanka, Omang le tse dingwe mo go babalesegileng.

O supile gore e le ba Mascom ba itlamile go sireletsa dithoto tsotlhe tsa badirisi tse di mo diatleng tsa bone, mme a ba kopa go ba loma tsebe ka tse di ba tshwenyang go thusa fa ba ka kgonang teng ka go dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng.

Fa a amogela baeng, Kgosi David Seetelo II wa Tsabong o kgothaditse banana go dirisa Kitsong Centre go ba solegela molemo le go tlhabolola matshelo a bone.

O ne gape a gakolola Mme Mosweu go tshwara ka thata mo tirong eo gore e tle e kgone go mo ungwela maungo a a molemo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 19 Feb 2023