Breaking News

Ba Jao ba batla go tswa mo lekgotleng

19 Feb 2023

Banni ba Jao ba re ba batla go tswa mo Okavango Jakotsha Community Trust (OJCT).

Lekgotla le, le tlhamilwe ke maloko go tswa metseng ya Jao, Ikoga le Etsha 1 go ema ka Etsha 13.

Kgang e e tlhagile kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Caterpillar Hikuama ka Labone.

Jao ke motsana o o dikaganyeditsweng ke metsi kwa moseja wa Etsha 13 mme go tsamaiwa ka mokoro kana difofane ke banni le badiredi ba ba isang ditlamelo kwa setshabeng.

Monni wa Jao, Rre Isaac Seredile yo o neng a bua mo boemong jwa modulasetilo wa komiti ya motse ya ditlhabololo o ne a supa gore  banni ba Jao ba tsere tshwetso ya go itirela lekgotlana ba le nosi ka ga ba akole sepe mo Jakotsha le ntswa e sale e tlhamilwe dingwaga tse di masome mabedi le borataro tse di fetileng.

Rre Seredile o ne a re tsholofelo ya bone e le banni ba Jao ke gore lekgotla le ba fe dithuso jaaka fa bangwe ba lwala gore ba thusiwe ka mokoro go tswa Jao le dikoloi kwa Etsha 13.

A re ba eletsa gape go thusiwa fa go na le dintsho ka ba fitlha ka kwa ga noka kwa Etsha 6 le Etsha 13.

Rre Seredile o ne gape a re ba solofela gore banni ba Jao, bogolo jang banana ba thusiwe go bona dithuto tsa tiro ya diatla gore ba kgone go itirela kana go thapiwe ba bone letseno, a tlatsa ka go re matshwenyego a bone ke gore go na le mogwebi mo lefelong la bone la bojalanala mme banni ba Jao ga ba bone dipoelo dipe go tswa mo tumalanong ya mogwebi le OJCT.

Modulasetilo wa OJCT, Rre Katanga Dinonoka o ne a re lekgotla leo, le le saleng le tlhamilwe ka 1998 le na le kgwetlho ka le ne le sa dire go le pele mme la tsolosiwa mo dingwageng tse di kwa morago.

Rre Dinonoka o ne a re mo bo gompienong kwetlho e tona ke gore bagwebi ba ba mo lefelong la bojanala mo Jao ba dirisa tumalano e e dirilweng magareng ga Lephata la Di-tsa Tlholego le Bojanala e seng le lekgotla, ka jalo a re ga go na se se tlamang mogwebi go thusa metse e e ka fa tlase ga OJCT.

A re ka jalo maloko a lekgotla a setse kgang eo ya tumalano ya lefelo leo la Bojanala morago gore go fetolwe e nne tumalano magareng ga lekgotla le mogwebi.

Rre Dinonoka a re OJCT e bona letseno fela ka dituelo tsa bajanala ba ba kampang, mme a re ga se madi a a kalo e bile a re ba phadisana le ba dikhamphani tse di ikemetseng.

Ka jalo Rre Dinonoka o ne a re banni ba Jao ba se name ba tsere tshwetso ya go tswa mo OJCT mme ba kope bogakolodi mo go ba ba maleba.

Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Hikuama o ne a gakolola banni ba Jao gore ba bitse bokopano le komiti ya lekgotla le boeteledipele jwa kgaolo gore ba buisane ka matshwenyego a bone.

A re go tswa ba ikemela ba le nosi ga se tharabololo, mme go dira mmogo e le setlhopha jaaka OJCT ke gone go ka ba isang golo gongwe.

A re dikhamphani tse ditona tsa mafatshefatshe di kgona ka go dira mmogo.

Rre Hikuama o bile a gakolola makgotla a di trust gore a  ikgaphe mo tshenyetsong setshaba, a fe batho dithuso ka tolamo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : JAO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Feb 2023