Pula e bakile tshenyo kwa Letlhakeng
17 Feb 2023
Dipula tse di tsweletseng ka go gosomana di bakile tshenyo kwa Letlhakeng.
Modulasetilo wa Khansele ya Letlhakeng, Rre Anderson Mathibe, a patilwe ke motshwarelela-molaodi Mme Mariah Malebang le mokwaledi wa khansele, Rre Joseph Segopa le ba lephata la boipelego, ba ne ba ya go bona tshenyo e e bakilweng ke pula e e neleng bosigo jwa lwaboraro jotlhe go fitlha mo mosong.
Kgaolwana ya Letlhakeng Bokone e amegile thata ka metsi a tsene mo dijarateng ka bokete.
Rre Mathibe o ne a gakolola banni ba kgaolwana eo go nna ba le podi matseba mme ba rurifatse gore bagolo le bana ba nna fa go babalesegileng, ka go supa fa pula e santse e tsile gona.
O ne a rotloetsa botlhe ba ba amegileng bogolo jang mo go tsa bonno, go kopana le ba boipelego go bona gore ba ka thusa jang.
Rre Mathibe a re mathata a matona a kgaolwana eo ke gore, e ne ya re ka 2014 fa go dirwa tsela, e ne ya tla ka tse di ntle le tse di bosula, ka go ne ga seka ga dirwa mesele ya kgopho ya metsi.
Le fa go ntse jalo, o tlhomamiseditse morafe wa Letlhakeng gore seemo seo se tla tsibogelwa, ka gore lenaneo la kgopho ya metsi le filwe madi.
“Thuso e e leng gore re ka e ntsha re le khansele ke go thusa bao ba ba senyegetsweng ke boroko, dijo le diaparo e le thuso ya nakwana go lebilwe letlhoko la nako eno,” ga bua jalo Rre Mathibe.
Modulasetilo o ne a supa fa dikgaolo tse dingwe le tsone di amilwe ke pula, mme ba tla ipha nako go ya go lekola seemo.
A re seemo se se neng sa mo ama thata e bile se ngomola pelo, ke mme mongwe wa mogodi yo o fitlhwetsweng a sena bonno, ka jaana fa a nnang teng go agilwe ka matlhaku a bo a khurumediwa ka dipolaseteke, mme pula eo e letse e feletse mo go ene.
Rre Mathibe a re o kopile ba lephata la boipelego go tsibogela go thusa mme yoo.
Mokwaledi wa khansele, Rre Segopa a re ba ne ba kopa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo eo go fa mme yoo boroko jwa nakwana, fa ba sa ntse ba sekaseka seemo sa gagwe.
A re go utlwisa botlhoko go bona mogolo a tshelela mo seemong se se ntseng jalo mme bone e le khansele ba sa itse sepe, a tlatsa ka gore ba ka bo ba ne ba tsibogetse seemo seo.
Rre Segopa a re le fa a ka fiwa dijo mme go sena boroko, go tla bo go tshwana fela ka pula e tla senya dijo tseo.
Mokhanselara wa Letlhakeng Bokone, Rre Gontshofetse Moketo a re o lebogela khansele gore e bo e ne ya tsibogela selelo sa banni ba kgaolo ya gagwe.
A re o dumela gore lenaneo la kgopho ya metsi le tla thusa kgaolo eo fela thata ka bokete jwa metsi bo ntse bo ba ka tshenyo. ENDS
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Letlhakeng
Event : Interview
Date : 17 Feb 2023