Moroto wa o esi ga o ele - Moruti Skelemani
16 Feb 2023
Badirelapuso kwa Tutume ba gakolotswe go dira ka mowa o le mongwe e bile ba le lorato mo tirong le mo badiring ka bone.
Moruti Otukile Skelemani wa Apostolic Faith Mission kwa Tutume a re mo tirong ba tshwanetse go tsaya batho ka go lekalekana gore mongwe le mongwe a kgone go tshelela mo tikologong e e amogelesegileng.
Moruti Skelemani o ne a ema badiri ka lefoko la kgothatso kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go supa lorato (Valentine’s day) kwa Tutume ka Labobedi.
A re badirelapuso ba tshwanetse go tlogela mowa wa lefufa le go nyatsana, mme ba dire ba le ngatana, ba tlotlana le go abelana megopolo go sena ope yo o lebelwang kwa tlase go lebilwe tiro e a e dirang.
Moruti a re ba tshwanetse go tsaya batho ka tekatekanyo le go rotloetsana gore mongwe le mongwe a ikutlwe a amogelesegile mo tirong.
O gateletse gore seo se tlaa dira gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong le go thusa setshaba ka lorato.
Badiriba ba khansele gammogo le ba ga molaodi ba gakolotswe go nna ba kopa tshidilo maikutlo le bogakolodi fa ba sa tsoga sentle mo tlhaloganyong ka seo se ka ama maduo mo tirong.
O gakolotse badiri ba boipelego gore le bone ba ne ba kopa bogakolodi le fa ba rutetswe tiro eo, ka gore ba kopana le dikgwetlho mo matshelong a bone tse di ba amang maikutlo.
Moruti Skelemani o ne a eleletsa badirelapuso bao go godisa tshwaragano, tirisanyo mmogo le botsalano gore maduo a nne teng.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Tutume, Rre Milton Keitshokile o ne a supa fa bokopano jo bo le mosola ka bo rotloetsa mowa wa neelano le lorato.
Rre Keitshokile a re dibeke tse pedi tse di fetileng, badirelapuso bao ba ne ba nna le metsotsonyana wa go ikgakolola motlga o ba neng ba le bana ba sekole pele ga ba dira tiro ya letsatsi le.
A re botsogo jo bo itekanetseng ke konokono, ka bo dira gore ba lapologe ditlhaloganyo.
Badiri bao ba ne ba apere mebala e meshibidu, bosweu le bontsho, mme ba ne ba nna le nako ya go tshameka dipina tse di iketileng tsa lorato, morago maphata a abelwa dikarata tsa melaetsa wa letsatsi leo go ba lebogela tshwaragano le lorato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kgothatso
Date : 16 Feb 2023