Maphata a kopiwa go etela metse
15 Feb 2023
Badiredi ba maphata a puso, khansele le makalana ka go farologana ba gwetlhilwe go ietela metse ka go farologana go utlwa matshwenyego a morafe.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o kopile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Matenge ka Mosupologo morago ga gore Kgosi Kutlwano Matenge a supe fa badirelapuso ba le maoto a tshupa go ba etela go ba lekodisa ka ditsamaiso tsa maphata a bone le go utlwa tse di ba tshwentseng.
Mopalamente Moabi a re matshwenyego mangwe a a begwang ke banni ga se a tlhokang mopalamente, mme e le a maphata a ka a tshwaraganelang le morafe go batla tlharabololo ntle le tiego.
Rre Moabi o ne a itsese banni ba Matenge fa go dirwa ga ditlhabololo go santse go amiwa ke tlhaelo ya madi.
Le fa go le jalo, o ne a ba akgolelea go bo ba santse ba tshegeditse mowa wa boipelego ka go supagala fa ba kgona go iterela dingwe mo motseng, go na le go baya fela mo pusong.
Mopalamente o ne a ba lekodisa ka ditshutiso dingwe tse di fetisitsweng kwa diphuthegong tse di fetileng tsa palamente, a supa fa go tserwe tshwetso ya gore lenaneo la ditlhabololo la lesome le bobedi (NDP12) le seka la tsena mo tirisong jaaka go ne go solofetswe.
Rre Moabi a re lenaneo leo, le tla tsena mo tirisong morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa 2024, mabaka e le gore le tle le tsamaelane le sebaka sa ditlhopho.
O tlhalositse fa go tlhomilwe lenaneo la nakwana le le bidiwang Transitional National Development Plan, le go diragadiwang ditlhabololo dingwe ka lone mo sebakeng sa dingwaga tse pedi.
Mopalamente Moabi o ne a tswelela a ba itsise fa go tserwe tshwetso gape ya gore madi a Constituency Community Projects a dirisiwe mo go direng le go baakanya ditsela tse di mo metseng.
Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Gobe Macha o ne a ema nokeng ntlha ya gore bodiredi jwa maphata bo etele metse, mme a supa fa go tshwenya go bo morafe le one o goga dinao go tsena diphuthego tsa kgotla.
Banni ba Matenge ba ne ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di tsweletseng ka go dirwa mo motseng wa bone, mme gape ba ikuela ka ditlhabololo dingwe tse ba eletsang di ka dirwa.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Matenge o boletse fa thulaganyo ya go etela metse ga bodiredi e ka tlhofofatsa go diragadiwa ga dingwe le gone go lekodisa mopalamente ka dingwe mo nakong e khutshwane.
Kgosi Matenge o ne a phophotha barutabana ba sekole se se botlana sa Matenge legetla, mo maikemisetsong a bone a go ntsha maduo a a nametsang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Matenge, Rre Gibson Bafana o kopile gore go dirwe ditsela le go gokela dipompo tsa setshaba di le tharo kwa ditsheng tse di sha, gore batho ba ba sa tswang go abelwe ditsha koo ba kgone go dira tlhabololo. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MATENGE
Event : KGOTLA MEETING
Date : 15 Feb 2023