Breaking News

Lerato le ka kgothatsa babereki - ratoropo

15 Feb 2023

Babereki ba khansele ya Gaborone ba rotloeditswe go supa lorato mo go bangwe ka bone. Se se builwe ke Ratoropo wa Gaborone, Rre Austin Abraham ko moletlong wa go ipelela letsatsi la Valentine ka Labobedi. 

A re go rata mmereki ka wena go ka thusa gore go dirwe tiro ka manontlhotlho.

Ratoropo o kaile fa babereki ba tsaya nako e telele mo tirong, ka jalo ba tshwanetse go ithuta go bereka mmogo sentle, ka lorato le gone go tlotlana.

“Go bereka mmogo ka lorato go dira gore le tote mo bodireding,” a tlhalosa.

Mokgothatsi wa letsatsi, Mme Thandi Malebang o tlhalositse fa lerato le sena boikgogomoso jaaka buka e e boitshepho e bua. 

Ka jalo Mme Malebang o ne a rotloetsa babereki go nna le lerato, a re se ke go itirela molemo mo botshelong. O kaile fa lerato le tshwanetse go ipelelwa tsatsi le letsatsi e seng fela ka letsatsi la Valentine.

O kopile botlhe go nna le mowa wa neelano, le go ithata ka go le botlhokwa. Mme Malebang o ne gape a gakolola gore go botlhokwa go nowa moro kgotsa go lemogwa botlhokwa mo tirong. 

A tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go thwaafalela mongwe ka bone fa a  seyo, ele fela ka fa a berekang le bone ka teng kgotsa ka fa a ba fang lerato ka teng.

Gape o supile fa go le botlhokwa go itshwarela ba ba go kgopisitseng, a supa fa seo se golola motho mo moweng. BOPA

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : Gaborone

Event : Moletlo

Date : 15 Feb 2023