Breaking News

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa petelelo

14 Feb 2023

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa kgotla ya Makolojwana kwa Serowe a beteletsweng ke monna mongwe kwa masimong a Khubulabopedi ka Matlhatso.

Mo potsolosong le BOPA, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa a re e ne ya re Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le bobedi, mme yoo, yo o neng a le mo tseleng a tswa masimo, a kopana le monna mongwe yo e kileng ya bo e le mokapelo wa gagwe.

A re mme yoo, o tlhalositse fa rre yoo, yo o neng a ipapanne ka thipa e tona, a ne a mo gogela kwa ga gagwe kwa a fetileng a mo thubetsa teng.

Assistant Superintendent Ntatiwa a re mme yoo, o ne a isiwa kwa kokelong ya Sekgoma go tlhatlhojwa ke dingaka, mme tsa rurifatsa fa e le boammaruri a beteletswe.

O tlhalositse fa mapodisi a santse a le mo patlong ya mmelaelwa, mme a kopa setshaba go ba thusa fa ba na le kitso ya kwa rre yoo a leng teng.

E ntse e le kwa Serowe, Rre Ntatiwa a re e ne ya re ka Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, ba amogela pego e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi, a neng a tlhajwa ka thipa mo nokeng kwa lefelong la dino.

O tlhalositse fa mokapelo wa rre yoo a ne a tlhoka kutlwisisanyo le rre mongwe kwa lefelong la dino, mme ya re rre yoo a leka go ba tsereganya, mmelaelwa a mo tlhaba ka thipa a bo a inaya naga.

Assistant Superintendent Ntatiwa a re e re ka ba itemogetse fa dikgang tsa go tlhajwa ka dithipa di le dintsi, ba boloditse letsholo la go tsamaya mo motseng ba emisa batho ba ba phuruphutsha go tlhola dibetsa tsa go nna jalo.

A re ba ba tlaa tshwarwang ka dithipa, ba tlaa lebisiwa molato wa go tsamaya ka dibetsa tse di borai mo setshabeng.

Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Ntatiwa a re e ne ya re kgwedi eno e tlhola lesome le bobedi, ba amogela pego e mo go yone Mme wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro, wa kgotla ya Morula mo Serowe, a neng a bega fa ntlo ya gagwe e thubilwe ga ba ga utswiwa.

A re mme yoo, o tlhalositse fa e ne ya re a thanya makuku, a fitlhela lebati le butswe, mme ya re a leba a fitlhela decoder le laptop tsa gagwe di seyo. 

A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme tlhwatlhwa ya dithoto tsotlhe tse di utswilweng e ka tshwara P11 680. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atang Mosinyi

Location : SEROWE

Event : Potsoloso

Date : 14 Feb 2023