Madi a go aga diofisi a teng - mogolwane
14 Feb 2023
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng Rre Kgang Kgang o supile fa madi a go aga diofisi tsa lekgotlana la kabo ditsha kwa Letlhakeng a le teng.
O tlhalositse jaana kwa phuthegong ya lekgotla la kabo ditsha kwa Letlhakeng maabane.
Rre Kgang o ne a supa fa lekgotla le tlaa buisana le morafe gore a le tlaa aga diofisi tseo sesha fa tsa pele di leng teng, kana le fudugele gosele.
Mo go tse dingwe modulasetilo o tlhalositse fa ba ne ba solofetse go baya ditsha di le 1 141 kwa Letlhakeng, mme ba eme ka ntlha ya go buisana le beng ba masimo.
Modulasetilo o supile gape gore fa Batswana ba bewa ditsha tsa bonno, ba tshwanetse go di dirisa go aga bonno, e seng sepe gape.
O tlhalositse gore fa ba sa dirise lefatshe se ba se le kopetseng, ba kabo ditsha ba na le dithata tsa go le tsaya ba sa ba phimole keledi.
Rre Kgang o supile gore pele e ne e re Motswana a fetolela setsha mo go yo mongwe, o ne a patelesega go tlhabolola lefatshe pele.
A re gompieno batho ba filwe sebaka sa go fetola le fa go sena ditlhabololo, mme ba lefisiwe P3 000.
Modulasetilo o tlhalositse gore e re le ntswa Batswana ba lela ka go re madi ao a mantsi, ba tshwanetse ba tlhaloganya gore lephata le dirisa madi a a fa gare ga P15 000 go ya kwa go P18 000 go fitlhelela gore Motswana a felele a na le setsha.
Fa a amogela baeng kwa phuthegong eo, mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o ne a supa fa lefatshe le le botlhokwa mme go le botlhokwa gore banni ba tsene phuthego ya kabo ditsha ka bontsi.
Kgosi Puleng a re go tsenelela diphuthego go tlaa ba thusa go tlhaloganya dintlha ka bontsi.
Kgosi Segomotso Puleng wa kgotla ya Molehele o ne a gakolola gore go dirwe ditsela kwa ditsheng tse disha, a supa gore fa go sa dirwe jalo batho ba ka felela ba aga mo ditseleng.
Bangwe ba ne ba supa fa ba ne ba solofetse gore lekgotlana la kabo ditsha le lone le tlaa tlhatlosiwa jaaka go tlhatlositswe khansele maemo.
Fa a araba dikakgelo, Rre Kgang o ne a tlhalosa fa ditsela tsa fa gare ga magae di dirwa ke ba mealo kwa khanseleng, mme a supa fa kgakololo e ba e filweng e le botlhokwa.
Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng Rre Anderson Mathibe o ne a supa fa a tshwenngwa ke banana ba ba sa tseneng diphuthego tsa kgotla.
O ne a kopa banni go bifela mowa wa semorafe ka o ba busetsa morago, a bo a ba tsibosa fa a tlaa ba biletsa phuthego ya go dira sekano sa khansele ya bone mo nakong e e sa fediseng pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Feb 2023