Breaking News

Sabastian Agyeman o tlhomilwe moruti wa St. Bakhita

13 Feb 2023

Baruti ba boletse fa kereke e le lefelo le le boitshepo ebile le tshwanetse go tlotlwa.

Ba buile jaana jaaka maloko a dikereke tse di farologanyeng a ne a kopane kwa kerekeng ya Roma ya St Bakhita Catholic kwa kgotleng ya Mothodi kwa Serowe ka Tshipi go netefatsa go tlhomiwa ga Moruti Sabastian Agyeman go etelela phuthego pele.

Modulasetilo mo kerekeng ya Roma ya phuthego ya St Gabriel, Rre Masego Leburu a re Moruti Agyeman ke ene moruti wa ntlha wa kereke ya Bakhita mo Serowe e e ntseng e sena moeteledipele.

O mo rotloeditse go nna le boammaaruri, bopelotelele, tirisano mmogo le lerato mo phuthegong e a tlaa bong a e eteletse pele. 

“O rerisane le bone ka nako tsotlhe ebile o nne le mowa wa theetso o sa gogele kobo ntlha e le nngwefela. O filwe boikarabelo jo bogolo mme o ikaege ka Modimo,’’ a tlhalosa.

Moruti Leburu o mo rotloeditse go etela dikgotla le dikgotlana go amogana le banni mowa o o boitshepo le go ipha nako go lekola balwetse, ba-na-le bogole le ba ba sa iketlang mo moweng ke mathata a lefatshe.

Bishop Antony Robello go tswa mo kerekeng ya Roma kwa Francistown o buile thata ka botlhokwa jwa go tiya ga manyalo mo a boletseng fa malatsi ano go le lolea. 

Bishop Robello o gateletse fa moruti yo o sa tswang go tlhongwa a tshwanetse go itebaganya le seo, a supa fa baebele e le kgatlhanong le tlhalano.

O boletse fa moruti a nna mo ntlong e e hirisiwang e bile e turela kereke. 

A re e le ba kereke ya Roma kwa Francistown ba ithaopile go dira motheo wa ntlo ya ga moruti fa ditiro tse dingwe di tlaa salela ba kereke ya Bakhita go feleletsa.

O boletse fa dikereke di nnile le seabe se setona mo thutong ya batho ka di agile dikole le dikokelo, a re keletso jaanong ke go simolola go lema mo masimong a a sa lengweng ke beng.

Kgosi ya Ditimamodimo kwa Serowe, Kgosi Botswelelo Mogapi o kopile phuthego go rapelela bana, bogolo jang ba dikole tse dikgolwane ba bokamoso jwa bone bo senngwang ke botlhokatsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Tlhomo ya moruti

Date : 13 Feb 2023