Breaking News

Bakwena ba ipelela matsalo a kgosi

13 Feb 2023

Go botlhokwa go leboga le go direla motho tse dintle a santse a le mo botshelong.

Kgosi Malope II wa Bangwaketse o buile jaana  kwa moletlong o o neng o tshwerwe kwa kgotleng kgolo ya Bakwena ka Labotlhano go ipelela matsalo a ga Kgosi Kgari III, yo o neng a digela dingwaga di le masome a mane le borobabongwe ka Phalane ngogola. 

Moletlo oo, o ne o rulagantswe ke magosi le morafe wa Kweneng.

Fa a abela Kgosi Kgari III dimpho tse di neng di akaretsa P36 000, nku, dipudi tse pedi le dikgomo tse pedi, Kgosi Malope II o boletse fa di supa tirisanyo mmogo le bopelokgale jwa morafe wa Bakwena mo sebakeng se kgosi a saleng a ba eteletse pele ka sone go fitlha mo nakong eno mme ebile a ntse a tsweletse ka go ba direla.

“Kgosi Kgari III o sale a eteletse morafe pele a santse a le dingwaga di le masome mabedi le boferabongwe. Go setse go fetile dingwaga di le masome mabedi mme le fa motho a seke a tlhoka dikgoreletsi ga go na makgwere ape a a neng a mo emisa go direla batho ba gagwe,” Kgosi Malope II a tlhalosa.

O ne gape a iteela legofi mogopolo wa go ipelela matsalo a kgosi, a supa fa seo se tlaa busetsa serodumo sa kgotla le bogosi jwa Bakwena. 

Kgosi Godisamang Moporofiti yo gape e leng modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa moletlo oo, o tlhalositse fa dipaakanyo di tsamaile sentle. 

O supile fa ba nnile le keletso ya go direla kgosi kgolo moletlo o ngogola mme ba kganelwa ke bolwetse jwa COVID-19 ka jaana ba ne ba sa kgone go kopana go rera le morafe.

O ne a tswelela a supa fa ba ne ba lekodisana le morafe ka dipaakanyo tsa tiro eo, ebile le ba bogosi ba amogela mogopolo ka diatla tsoo-pedi, ka jaana ba lemoga fa Kgosi Kgari III a rotloetsa tshwaragano, kagiso le thokgamo mo morafeng wa Bakwena.

Kgosi Basiamang Garebakwena ene a re ba tshwenngwa ke dipalo tsa banana ba ba ikgogetseng kwa morago mo ditirong tsa kgotla. 

Le fa go ntse jalo, o ne a leboga manotonyana a banana ba ba santseng ba ititaya ka thupana, a re seo ke sekao se se molemo. 

Kgosi Garebakwena o ne gape a lebogela ditiro tsotlhe tse kgosi kgolo a di dirileng ka a tswa kgakala a direla motse wa Molepolole le baagedi ka lorato le nonofo a eteletswe pele ke lefoko le le boitshepo.

O tsweletse a re kgosi o alositse batho ba le bantsi ka dikgakololo ga mmogo le bopelotelele jwa gagwe. 

A re keletso ke gore mo nakong e e tlang fa ba direla kgosi moletlo, go botlhokwa go ela tlhoko dilo dingwe tse ba ka thusang mo go tsone mo motseng.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Kgari III o ne a lebogela dimpho tse a di abetsweng a bo a tshepisa gore o tlaa di tlhokomela ka jaana a di abetswe ka lorato. 

O ne gape a re o leboga Modimo go bo o mo thusitse gore a bo a kgonne go nna le sebaka sa go ipelela letsatsi la gagwe la matsalo ka kagiso, lorato le tshireletsego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo

Date : 13 Feb 2023