Emisang go rekisa lefatshe - modulasetilo
12 Feb 2023
Batswana ba kopilwe go tlhokomela lefatshe ka gore ke boswa jo ba bo tlogeletsweng ke batsadi ba bone.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng Rre Kgang Kgang o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya kgotla kwa Motokwe ka Labone.
Rre Kgang a re ba boloditse letsholo la go aba ditsha di le 100 000 lefatshe ka bophara, ka jalo makgotla a kabo ditsha a mo lobelong go rurifatsa gore Batswana ba bewa ditsha tsa bonno le masimo pele ngwana ono wa madi o wela.
Le fa ba tsweletse ka go abela morafe lefatshe, Rre Kgang a re ba tshwenyegile thata ka thekiso ya ditsha e a supang fa e tsere phekelo e sele, bogolo jang e dirwang ke banana, bangwe ba bone ba rekisa ditsha ka dikoloi.
A re setsha ke boswa jo bo tshwanetseng jwa tlhokomelwa ka se abelwa motho gore a nne le bonno jo bo itumedisang kana a se dirise go itemela dijo, mme a ijese.
Ka jalo a re tiriso ya lefatshe a tshwanetse ka jalo setshaba se dirise lefatshe se se tshwanetseng.
Rre Kgang a re ba tshwenngwa ke Batswana bangwe ba ba epang didiba mo masimong a bone, mme morago ba a dire moraka ntswa ba kopetse lefatshe leo go lema.
A re leruo le le nnang mo masimo le tsosa dikgotlhang ka le senyetsa balemi ba bangwe le gone go gotlha tikologo.
O tsweletse a tlhalosetsa morafe gore kwa lefelong la KW6 go segilwe dipolase di le lesome (10) mme go santse go dirwa ditshekatsheko go bona gore nngwe le nngwe ya dipolase tseo e lekanye go tsaa palo e kae ya dikgomo.
Mo dipolaseng tseo, Rre Kgang a re nngwe ya tsone e tla fiwa motse wa Khekhenye, mme e nngwe e abelwe wa Tshwaane ka jalo a re o kopa morafe wa metse eo go dirisa lefatshe leo ka botlalo.
O ne a supa fa dingwe tsa dipolase tse di beilweng mo kgaolo eo di sa dirisiwe mme e bile gape di sa agelelwa.
“Bontsi jwa beng ba dipolase tse ga ba duele madi a gore ba adimilwe lefatshe le, mme seo se paledisa lekgotla la kabo ditsha go itirela madi gore le kgone go atolosa ditirelo tsa lone,” ga tlhalosa Rre Kgang.
Rre Kgang one a tlatsa ka gore tsamaiso ya go baakanya lefatshe pele le abiwa e turu, ka jalo a re tlhaelo ya madi e dia tswelelopele.
Ka jalo a rotloetsa ba ba kolotang lekgotla la kabo ditsho gore ba duele, lekgotla le nne le madi a go baakanyetsa kabo ditsha.
E rile ba mo kwa dikgaba, banni ba Motokwe ba ne ba supa fa ba sa itumelele tiego ya go bewa ditsha mo motseng wa bone, ka jalo ba kopa gore lekgotla la kabo disha le le potlana la Motokwe le potlakele kgang eo.
Rre Boingotlo Moeng a re o sebete se molangwana ka gore banni ba motse wa Motokwe ba abelwa ditsha kwa Takatokwane, mme seo se busetsa motse wa bone kwa morago mo ditlhabololong.
Rre Jameson Baeletsi le ene o ne a gatelela kgang eo mme gape a supa fa tlhokomelo le tiriso ya lefatshe e le yone konokono mo tshegetseng kagiso.
Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Motokwe, Rre Charles Motshubi o ne a supa fa ba tsweletse ka go baya ditsha mme mo nakong eno ba baya ditsha kwa Takatokwane.
Rre Motshubi a re palo ya baikopedi e tsamaya mo go 913 mme o dumela gore botlhe ba tsile go bewa mo nakong e e sa fediseng pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Motokwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Feb 2023