Breaking News

'Tsaya kgato go santse go na le nako'

12 Feb 2023

Borre ba kopilwe go ema ka dinao go lwantsha le go thibela bolwetse jwa kankere. 

Mothusa Kgosi wa Digawana, Kgosi Moatlhodi Kgwakgwe o gakolotse borre go tsaya kgato go tlhatlhobela bolwetse jwa kankere ya borre nako e santse ele teng.

Kgosi Kgwakgwe o ntshitse kgakololo e, kwa pitsong ya borre e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Digawana e maikaelelo a yone e neng e le go rotloetsa borre go itlhatlhobela kankere e e amang dikarolo tsa bonna.

Pitso eo, e ne e rulagantswe ke ofisi ya mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti e tshwaraganye le ba khamphani ya Diagnofirm.

Kgosi Kgwakgwe o kgothaditse borre gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong go itekodisa ba botsogo, a supa fa gole botlhoko go lemoga bolwetse bo setse bo keketse, ka go ka nna thata gore bo alafesege.

“Go botlhokwa go itlhatlhobela bolwetse nako e santse e le teng,” ga tsibosa Kgosi Kgwakgwe.

O supile fa borre ba Digawana ba le sego thata ka gore ba tsiseditswe ditlamelo gaufi le bone.

O tladitse ka gore thuso ya go nna jaana ga e bonwe motlhofo.

“Re lesego thata gore re bonye thuso ya mofuta o, tsholofelo ke gore bontsi jwa rona bo tlaa thusega gore ba tsee kgato nako e santse ele teng ka ebile lefatshe ka bophara borre ba fedile ka ntlha ya bolwetse jwa kankere,” ga tlhalosa Kgosi Kgwakgwe.

Kgosi Kgwakgwe o kopile bogosi jwa Digawana go etelela pele thulaganyo e gore morafe o kgone go tsaya malebela.

O lebogetse botlhe ba ba tsereng karolo mo tirong e, ka jalo a kopa ofisi ya ga Mopalamente Dr Dikoloti go tswelela ka go ba tsisetsa ditlamelo. 

Fa a  ntsha la gagwe, moitsaanape wa go tlhatlhobela malwetse (Laboratory Scientist) wa khamphani ya Diagnofirm, Rre Kenias Sibanda o supile fa ba na le botsalano le ba ofisi ya Mopalamente ya Mmathethe/Molapowabojang, ka jalo ba dirile letsholo la go tlhatlhoba kankere ya borre ba kgaolo e ba ba dingwaga tse masome mane le go feta.

Rre Sibanda a re go tlhatlhobela kankere ya dikarolo tsa bonna go botlhokwa ka go ka thusa gore ba go bonweng matlhasedi a kankere ba bone thuso ka bofefo.

“Bolwetse jwa kankere ga se phelelo ya botshelo jaaka bangwe ba akanya, bo na le kalafi, ka jalo go botlhokwa gore le itse seemo sa lona nako e santse e le teng gore le kgone go thusiwa ka bofefo,” ga supa jalo Rre Sibanda.

Rre Sibanda o tlhalositse fa dithuso tse ba tsileng ka tsone di akaretsa go tlhatlhoba sukiri, madi a matona ga mmogo le kankere ya borre.

O supile fa ba itumeletse gore borre ba Digawana ba tsibogetse pitso eo ka bontsi. 

A re mo letsholong le le fetileng, ba kgonne go tlhatlhoba borre ba feta masome a roba bongwe kwa Molapowabojang.

Rre Sibanda a re se ke kgatelopele, ka jaanong bontsi bo itse seemo sa bone ka jalo ba tlaa kgona go bona thuso nako e santse e le teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Kanye

Event : pitso ya borre

Date : 12 Feb 2023