Morafe o roletswe dikgosi
12 Feb 2023
Motse wa Khakhea o na le dikgosi tse disha. Ke Kgosi Kebualemang Kutlase le kgosana e e sekisang, Rre Johnson Morotsi.
Go tlhongwa ga bobedi joo, go tla morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Joseph Mantries le Kgosi Sakgotla Inajame ka ngwaga wa 2021.
Bobedi joo bo rotswe kwa phuthegong ke moemela Kgosikgolo ya Ga-Ngwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi.
Kgosi Mookodi o ne a rotloetsa bobedi joo go tia moko gore ba kgone go diragatsa boikarabelo jo ba bo filweng jwa go etelela morafe. “Lo seka lwa inyatsa, lo itse gore lo dikgosi ga lo basimane,” a ba laa.
O ne gape a ba kopa go tsaya batho ka tekatekano, go itsa go kgaoganya morafe. O ne a ba gakolola go tshwaragana le go lwantsha semorafe mo motseng.
Kgosi Mookodi o ba kopile go tshwaragana le diofisi tse dingwe tsa bogogi jwa motse di tshwana le ya ga molaodi le ya khansele go netefatsa gore ditlhabololo di a gola.
A re ke boikarabelo jwa bone go tsholetsa le go somarela serodumo sa bogosi jaaka ele baeteledipele.
Kgosi Mookodi o ne a lebogela banni ba Khakhea go bo ba nnile pelotelele ba emetse go rolelwa dikgosi tsa bone. A re ere ntswa bangwe ba ne ba sa dumalane le maina a a neng a tlhophilwe ke morafe, kwa phelelong go ne ga dirisiwa tsamaiso ya morafe e e tsamaelanang le molao wa bogosi.
Erile a tswa la gagwe, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa Mabutsane, a tlhalosa fa tlotlo mo morafeng ele yone konokono mo go direleng setshaba. A re se se ka thusa dikgosi go dirisanya le morafe sentle ba gakololana ka neelano.
O ne a kopa morafe wa Khakhea go amogela le go ema nokeng dikgosi tsa bone, gore ba kgone go rerisanya dikgang tsa motse le go tlisa ditlhabololo.
Kgosi Kutlase o ne a supa fa a ikaeletse go dirisanya le morafe, ka jalo a tlaa bula dikgoro go amogela dikgakololo tse di tlaa mo tsamaisang mo thomong ya gagwe.
“Ntlo e o e agang o sa e agele mo Modimong, le fa o ka nna mogogi fa o sa gogele mo Modimong maiteko a gago e tlaa nna lehela,” a tlhalosa.
A ke nako ya gore batsadi ba eme ka dinao ba tsee boikarabelo jwa bone gore dikgang tsa borukutlhi di fokotsege mo kgaolong ya bone.
Kgosi Morotsi ene o ne a lebogela morafe wa Khakhea go bo ba bone a na le bokgoni jwa go ba etelela pele.
Le fa go ntse jalo, a re boikarabelo joo, o ka bo kgona fela ka kemonokeng ya bone.
Ere ntswa morafe o ne o dudueletsa go bewa ga dikgosi tseo, bangwe ba ne ba supa fa ba le bete-se-molangwana, mme ba tsamaya phuthego e ntse e tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KHAKHEA
Event : Go tlhongwa ga dikgosi
Date : 12 Feb 2023