Bonyongo o tlaa bolokwa Tshipi
09 Feb 2023
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Farayi Bonyongo yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le borataro o tlaa bolokwa ka Tshipi.
Moswi Bonyongo (69), o ne gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Nlapkhwane/Mapoka.
O ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba ngogola ka kgwedi ya Seetebosigo, a tlhatlhama mokhanselareng wa kgaolwana ya Matsiloje, Mme Florah Mpetsane.
Morwadie moswi, Mme Ludo Bonyongo o boletse fa rraagwe a simolotse dithuto tse dipotlana kwa sekolong se sebotlana sa Zwenshambe ka ngwaga wa 1962 a bo a di wetsa ka 1969.
E ne ya re a sena go wetsa dithuto tsa gagwe, moswi Bonyongo o ne a ya go direla mo khamphaning ya Peter Sladen kwa Gaborone le Selibe Phikwe, mme ka ngwaga wa 1974 a ya Aferika Borwa kwa a berekileng mo dikhamphaning tse di farologaneng.
Go ya ka morwadie moswi Bonyongo o ne a boela gae ka ngwaga wa 1977 mme a simolola go ipereka go fitlhelela a inaakanya le sepolotiki ka boloko jwa Botswana National Front ka ngwaga wa 1989.
E ne ya re ka ngwaga wa 1993 a fudugela kwa phathing ya Botswana Democratic Party, kwa a neng a tlhophiwa go nna mokhanselara wa kgaolwana eo, mo sebakeng sa dingwaga tse di lesome le botlhano a sena go tlhophiwa mo ditlhophong tsa setshaba tsa 1999, 2004 le 2009.
Mme Bonyongo o tlhalositse fa e ne ya re mo ditlhophong tsa 2014, Rre Bonyongo a iteka lesego mo bopalamenteng jwa kgaolo ya Tati Bophirima mme a seka a atlega.
A re ka 2019 Rre Bonyongo o ne a ipoeletsa a emela ditlhopho tsa bokhanselara mo kgaolong ya Nlapkhwane/Mapoka e ntse e le ka konopo ya BDP mme a atlega.
Go tlhalosiwa fa moswi Bonyongo a ne gape a tshwere maemo a bodulasetilo jwa phathi kwa kgaolong ya North East, e e akaretsang Tati Bophirima, Shashe Bophirima, Nkange le Nata-Gweta.
Morwadie moswi o tsweletse a tlhalosa fa kwa ntle ga tsa sepolotiki, rraagwe a ne a ineela mo kerekeng ya Head Mountain of God Apostolic church in Zion ka 1974, e a boletseng a tlhokafala e le moruti, mme a okametse lekalana la cluster 8, le le akaretsang Ramokgwebana, Mapoka, Kgari le Nlapkhwane.
Moswi o tlogela mosadi, bana ba le boferabobedi, borre ba le bane le bomme ba le bane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : NLAPKHWANE
Event : Kitsiso ya phitlho
Date : 09 Feb 2023