Breaking News

Khamphani e agela mogodi ntlo

08 Feb 2023

Khamphani e e dirang ditena ya Gee Moulding Bricks e agetse mogodi ntlo kwa Maun.

Rre Kgosietsile Ramaeba wa dingwaga di le masome a supa le boferabongwe, wa kgotla ya Boseja, o agetswe ntlo ya kamore e ngwe le ntlwana ya boiteketso tse di lopileng P 46 000.

E rile ba a rola ntlo e, mookamedi wa Gee Moulding Bricks, Rre Gothata Temane o ne a tlhalosa fa khamphani ya bone e kgathala ka matshelo ka jalo ba bone go le botlhokwa go agela Rre Ramaeba ntlo le go e rekela dilwana tsa mo ntlong.

O supile fa mogodi o, a ne a tshela ka go sokola ka a ne a sena bonno mo Maun a tshela ka go kopa boroko kwa ditlogolong tsa gagwe mme se sa dira gore a felele a nna kwa morakeng kwa Xobe.

Rre Temane a re khamphani ya bone e thapile banana ba le masome mararo.

O ne a leboga ba lephata la kabo ditsha go bo ba ba thusitse fa ba kopela mogodi o setsha, a tlatsa ka go leboga ba ofisi ya boipelego go tshwaraganela tiro le bone go tswa kwa tshimologong.

E rile a tswa la gagwe mmaboipelego mo khanseleng ya Bokone Bophirima, Mme Keatlaretse Maretlwaneng a supa boitumelo jo bogolo go bo Gee Moulding e agetse Rre Ramaeba ntlo a re maiteko a a dirafatsa maitlamo a puso gore Batswana ba nne le bonno.

“Re amogela mpho e ka boitumelo jo bogolo ka gore bonno ke karolo e botlhokwa mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe ebile le tsisitse seriti mo botshelong jwa ga Rre Ramaeba.’’

Mmaboipelego a re botshelo jwa ga Rre Ramaeba bo tla tokafala thata ka a na le kwa a ka sielang teng fa dipula di na kana diemo tsa bosa tse di sa iketlang di goroga.

A re puso e leka ka bojotlhe go tlhokomela bagodi, masiela le ba-na-le bogole mme a tlhaelela mo tseleng ka jalo a re go a itumedisa go bona dikhamphani tse di ikemetseng di tshwaraganetse go thusa Batswana le puso.

E rile a amogela mpho boemong jwa ga mogolowe, Rre Mokenti Ramaeba a leboga Gee Moulding go bo ba file mogolowe seriti ka go mo agela ntlo.

O tlhalositse fa ba sotlegile ka lobaka ka ba ne ba sena dijarata tse e leng tsa bone, ba tshela ka go kopa boroko kwa ditlogolong tsa bone selo se se neng sa ba sokodisa ka lobaka.

A re mo nakong ya gompieno ke ene motlhokomedi wa ga mogolowe ka go bo a godile ebile a sena botsogo.

Mothusa molaodi mo Bokone Bophirima, Rre Ramogaupi Gaborekwe o ne a konetelela mafoko a botlhe ka go supa fa mowa wa go thusa o tshwanetse go rotloediwa, a re se se ka thusa go aga setshaba.

A re go le gantsi dikhamphani tse di dirang dipoelo di inaakanya le go dira madi fela di sa kgathale ka matshelo a batho, ka jalo a leboga Gee moulding go bo ba nnile sekao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MAUN

Event : Tholo ntlo

Date : 08 Feb 2023