Breaking News

Molemi o tsosolosa molomo

07 Feb 2023

Mongwe wa balemi ba masimo a Kaduwe gaufi le Jwaneng, Rre Moshe Gare o abetse bana ba sekole se sebotlana sa Dinonyane kwa Jwaneng ditlhotlha tsa mmidi di le 800.

Rre Gare o tlhalositse fa mpho eo ele maiteko a gagwe a go tsosolosa ngwao ya go loma, e e gomagomediwang ke go nyelela. “E ne ya re ngogola Kgosi a rotloetsa gore re tsosolose ngwao, ka jalo mo ke seabe sa me sa go tsosolosa ngwao ya molomo e rona re godileng re e fitlhela. 

Ke simolotse ka go lomisa Kgosi pele, jaanong ke tlisa mo sekoleng ke dira mo go tweng ntima o mphele bana.”

A re ere ntswa pula e le boutsana se ne sa seka sa mo kgoba marapo, o ne a kgona go jwala ngogola kgwedi ya Ngwanatsele e le fa gare, selo se a reng se thusitse gore mmidi wa gagwe o bo o jewa mo nakong ya gompieno.

Ka jalo, Rre Gare o rotloeditse balemi ba bangwe go inaakanya le temo ya komelelo ka go dirisa didirisiwa tsa segompieno go ntsha dijo. 

“Batswana ba tswa kgakala le leuba jaanong mo nakong ya gompieno ke mo re ka bong re setse re itse gore re ka tila jang dikgoreletsi mme gape ra dirisa didirisiwa tsa sesha go jesa setshaba.”

Le fa go ntse jalo, o kopile puso go sekasekela balemi ditlhwatlhwa tsa diterekere gore bontsi ba kgone go inaakanya le temo e e ntshang maduo. 

A re terekere ke sedirisiwa se se botlhokwa mo temong bogolo jang fa go tlhokega go lema gape fa dijalo di sa tswa, le gone go tlhagola.

Erile a tswa la gagwe, Kgosi Oageng Mosole wa kgotla ya Raphalane o akgotse Rre Gare mo maitekong a gagwe a a tsamaelanang le maikaelelo a bone ele bogogi jwa Jwaneng go tsosolosa ngwao. 

“Ngogola re ne ra kopana re le bagodi le ba-na-le seabe ka go farologana, mme nngwe ya dingwao tse re neng re dumalana go di tsosolosa ke ya molomo. 

Re dikile re nnile le moletlo wa molomo o o neng wa atlega, ntswa re o dirile morago ga letsema.”

O ne gape a supa fa mpho ya ga Rre Gare e tlaa thusa go tsosolosa ngwao kwa dikoleng gore bana le bone ba itse dingwao tsa lefatshe la bone.

Kgosi Mosole o ne a rotloetsa balemi ba bangwe go tsaya malebela mme le bone ba dire sa bone seabe ka go abela dikole tse di farologanyeng. 

A re moono mogolo ke go pataganya go tsosolosa ngwao le go fitlhelela ditoro tsa lefatshe leno tsa go nna le dijo tse di lekaneng.

“E re ntswa Jwaneng ele makgatlhanela thapong, re itemogetse gore bontsi jwa banni ba mono ke balemi-barui, ka jalo re ikaeletse go kopanela moono o wa go tsosolosa ngwao le bone.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Polelo

Date : 07 Feb 2023