Morafe o rotloediwa go lema ka bontsi
06 Feb 2023
Morago ga gore puso e kue mokgosi go rotloetsa balemi go kgatlhegela go lema go ntsha dijo tse di lekaneng, balemi ba le bantsi ba Kgalagadi ba inaakantse le temo go itirela letseno go tokofatsa matshelo a bone le gone go jesa malwapa a bone.
Fa a bua mo puisanong le ba BOPA Mogolwane mo lephateng la temo-thuo le tlhomamiso dijo mo kgaolong ya Tsabong Rre Modisa Masasa o tlhalosositse fa mo pakeng eno balemi ba ba fetang makgolo a matlhano ba ikwadiseditse temo mo kgaolong ya Tsabong.
A re o solofela gore palo eo e tla tswelela e oketsega ka balemi ba tsweletse ka go baya ditema ka dipula di tsweletse ka go tshologa. O gateletse botlhokwa jwa go tlhwaafalela temo ka e ka tlhabolola matshelo a bone fa ba rekisa mo dikoleng le mo mafelong a a farologanyeng.
A re e re le ntswa pula mo dikgweding tse di fetileng e ne e le boutsana, mo kgweding eno go botoka fela thata ka tsholofelo e le gore e tlaa tswelela e le matsorotsoro. A re ba ntse ba le malalaalaotswe go ipaakanyetsa temo ka go thusa balemi ka dipeo nako e sa ntse e le teng, go rotloetsa balemi go tlhatlhoba mmu wa masimo gore ba itse gore dijwalo di tlhoka monontshane oo kae go ntsha dijo.
Rre Masasa o boletse fa lephata la temo thuo le tlhomamiso dijo le tsweletse ka go dira maiteko a go ruta balemi ka bomosola jwa temo ya go kabakanya dijwalo ka go buisa diphuthego tsa kgotla mo mafelong aa farologanyeng mo kgaolong eo.
A re dingwe tsa dijwalo tse di dirang sentle mo kgaolong ya Tsabong di akaretsa dinawa, magapu, marotse mabaka ele gore ga di batle bokgola jo bontsi. O ba kopile go dirisa dipeo tse di bogadi bo gaufi jaaka mmidi ka gore mariga a tla ka pela mo kgaolong tsa borwa.
O tlhalositse fa lenaneo le le teng la ISPAAD le thusa balemi go tokofatsa temo le gone go ba abela dipeo tsa dinawa le mmidi, go duelela balemi tema go ema ka diekere tse nne gammogo le go ba neela menontshane. A re lenaneo le le tlhabolotsweng le tla simolola ka kgwedi ya Moranang mme tsholofelo ke gore go tla nna le diphetogo mo go lone.
A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le lephata la temo thuo le balemi di akaretsa go tlhoka digogi go thusa balemi, go tlhoka go tlhokomela masimo ka fa go tshwanetseng ka teng, go tlhoka dichefi tse di lwantshang diji mo masimong, palo potlana ya bodiredi mo lephateng, tlhaelo ya dipalamo le go tlhoka dirisiwa tsa ditekeletso.
Mme Kefentse Magogone go tswa mo lephateng la tepo loapi mo Tsabong mo puisanyong bosheng o ne a tlhalosa fa pula ya mono ngwaga e le e e tlwaelesegileng go ya kwa go ee kwa tlase ka selekanyo sa 50mm go ya kwa go 100mm mme e sa farologanye le paka ya temo ya 2021/2022.
O kgothaditse balemi go lema ka kgwedi ya Herikgong ka jaana ba solofetse pula e botoka go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ya Mopitlo ka selekanyo sa 100mm le go feta.
O gakolotse setshaba go ipabalela le dithoto tsa bone mo dipuleng tse di solofetsweng ka di ka tla ka diphefo tse di mashetla, a tlat tsa ka go gakolola batsadi go tlhokomela bana go ba itsa go tshamekela fa metsi a emeng teng.
Mme Magogone o boletse fa seemo sa phetogo ya loapi se bakwa ke kgotlelesego e e dirwang ke mesi ee farologanyeng, selo se a supileng fa se fetotse dipaka tsa temo le ka fa pula e neng e tlwaelesegile go na ka teng.
Mo puisanong le ba BOPA bosheng Rre Goememang Fox wa Maleshe.o boletse fa a ne a itlhaganela go tshwara bokgola jwa pula. Rre Fox a re ka ntlha ya tlhaelo ya diterekere o lema ka ditonki ngwaga le ngwaga tse a supileng fa di dira tiro ka fa go tshwanetseng ka teng. O ne a tlhalosa fa a lemile mmidi o mosweu le o mohibidu gammogo le dinawa tse peo ya tsone balemi ba e neelwang ke puso.
A re o lemile manoko, sunflower, lablab, magapu le marotse, lefa e re morago go bo go sena kwa ba rekisang teng. Rre Fox a re le ntswa puso e simoloditse lenaneo la go rekisa kwa dikoleng, balemi ba rekisa ba le bantsi ka jalo thobo e felele e sa ba sologele molemo. O supile fa BAMB e reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, mme a kopa puso go ba thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisano
Date : 06 Feb 2023