Breaking News

Komiti ya ditlhabologo e lebogela bokopano

06 Feb 2023

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o gwetlhile dikomiti tsa ditlhabololo go tswa ka metlhale e mengwe ya go direla metse ya bone madi a ka thusang go dira ditlhabololo. 

Rre Molokwe o boletse mo bokopanong jwa gagwe le maloko a dikomiti tse di okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya Kgatleng ka Labone mo Mochudi.

“Madi a a neelwang dikgaolo tsa botlhophi a mannye fela thata. A re direng ka gotlhe go oka bagwebi mo metseng ya rona, le seka la ba koba ka ba thusa thata mo go tlhabololeng kgaolo,” ga tlhalosa Rre Molokwe. 

Rre Molokwe o tsweletse a tlhalosa gore sengwe sa dikgoreletsi mo mananeong a ditlhabololo ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19. Rre Molokwe o tlhalosiste gore bokopano jwa mofuta o bo fa dikomiti tsa ditlhabololo sebaka sa go lekodisa modulasetilo wa khansele ka ditlhabololo tsa metse ya bone. 

O tsweletse a supa fa dikomiti tse e le letshego la ditlhabololo, ka di thusa go kaela puso gore ditlhabololo di ka dirwa jang mo metseng ka go farologana.

Maloko a a neng a tsene phuthego a ne a lebogela go kopana le bogogi jwa khansele go lekodisana ka mananeo a ditlhabololo.

Ba gateletse botlhokwa jwa bokopano jo ka bo ba fa sebaka sa go lekodisana ka tse di dirwang mo metseng ya bone.

Mongwe wa batsena phuthego, Mme Lorato Moraope, a re tshwaragano ya boeteledipele jwa khansele le dikomiti tsa ditlhabololo e botlhokwa,.

Modulasetilo wa komiti ya Boseja North, 

Rre Josefa Seipei  le ene o lebogetse bokopano a re go botlhokwa gore dikomiti tsa VDC di seka tsa salela morago mo mererong ya ditlhabololo.

Rre Seipei a re madi a ditlhabololo a fiwang dikgaolo  a thusa go tsweledisa mananeo  a ditlhabololo mo metseng ka go farologana. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MOCHUDI

Event : Bokopano

Date : 06 Feb 2023