Ba Kopong Lentsweletau ba batla ditlhabololo
05 Feb 2023
Banni ba metse ya Kopong le Lentsweletau ba sebete se molangwana ka fa ba bonang ditlhabololo ka teng mo metseng ya bone.
Banni ba ntshitse matshwenyego a bone mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Kgotla Autlwetse mabapi le go kgaoganngwa ga dikhansele.
Banni ba Kopong ba boleletse tona ka Laboraro fa ba amogela tshwetso ya go kgaoganya dikhansele ntswa ba eletsa gore motse wa bone le one o ka ikemela ka nosi.
Ba tlhalositse gore motse wa Kopong o gola ka lebelo le le golo ka o arametse ditlhabololo tsa toropo ya Gaborone.
Bare ditlhabololo le ditlamelo di tla ka bonya mo motseng. Ba supile fa tlhaelo ya metsi, borukutlhi, le ditsela tse di maswe e le dingwe tse di ba tshwenyang thata.
Mongwe wa banni Rre Edward Ngwaga o supile fa seemo sa dikole tse dipotlana mo Kopong se sa jese di welang. Are dithuto di tsenela kwa ntle kwa sekoleng sa Letsholo, seemo se a reng se tlhoka go potlakelwa ka go oketsa matlwana a borutelo le go aga sekole se sengwe sa boraro.
Fela jaaka banni ba Kopong, ba Lentsweletau ka Labone ba boleletse tona fa ba sa kgotsofalele ka fa ditlhabololo di tlang mo motseng wa bone ka teng.
Bare motse wa bone o lebetswe ntswa ole motona ebile metsana e e mo tikologong e tsaya ditirelo kwa motseng wa bone.
Banni ba supile letshwenyego le le tona ka tsela ya Lentsweletau-Molepolole le Mahetwe e ba dumelang gore e ka fefosa ditlamelo. fa e ne e ka dirwa Bare go sebaka tsela eo e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo mo dingwageng tse di ntsi tse di fetileng.
Ba ne ba ngongorega ka lerole le le bakwang ke moepo wa magala wa Medie ba supa fa dikoloi tse ditona tse di tswang kwa moepong oo, di tsosa lerole le ba dumelang gore le diphatsa mo botsogong jwa bone. Ba ne ba tlatsa ka gore diteraka tseo di beile matshelo a bone mo diphatseng ka di baka dikotsi.Kgosi Morulaganyi Makgasane o tlhalositse fa ba ne ba solofediwa gore motse wa bone o tlaa dirwa kgaolo potlana ya khansele ka nako e metse e tshwana Mogoditshane e neng e tlhongwa go nna dikgaolo potlana.
A re ba ne ba bolelelwa ka nako eo gore e tlaare fa lenaneo la go kgaoganngwa ga dikgaolo le dirwa gape, motse wa Lentsweletau o tlaa akanyediwa pele ga metse e mengwe.
Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Autlwetse o tlhalositse fa go tsamaisa dikgaolo potlana go le turu ebile go diya ditshwetso dingwe. Are go dira jalo gape go ama maphata a mangwe a puso ka jaana le one a tshwanetse go nna teng ebile go tlama gore bodiredi bongwe bo tlhatlosiwe maemo mme se se lopa madi a mantsi thata.
Ka jalo tona o tlhalositse gore ka go lemoga fa dikgaolo dingwe di le bophara di akaretsa ya Kweneng puso e tsere tshwetso ya go di ngotla gore batho ba bone ditlamelo ka bofefo. Are ke ka moo go fefogetsweng go tlhatlosa maemo dikgaolo tse di neng di na le dikago jaaka di ofisi gore go seka ga turela puso. A re tiragatso ya mogopolo wa go kgaoganya dikgaolo e tlaa dirwa gabedi.
O supile fa tlaa simolola legato la bobedi la dipuisano mo ngwageng o o latelang wa madi ka kgwedi ya Moranang gore dikgaolo di tshwana Mmopane le Lentsweletau le tsone di tle di dirwe dikgaolo potlana.
Tona are tsholofelo ke gore metse e tlaa simolola go bona ditlhabololo tse ba sa bolong go lela ka tsone fa mogopolo wa go kgaoganya dikgaolo o setse o le mo tirisong.
Mopalamente wa kgaolo Mme Nnaniki Makwinja o kopile morafe go amogela kgatelo pele eo ka oo mabedi.
Are le fa a tlhaloganya matshwenyego a morafe le dilelo tsa one, banni ba seka ba tlhobosa gotlhelele gore ga gona ditlhabololo dipe ka jaana puso e dirile mananeo a mangwe a tshwana le National Transitional Plan le mo go lone puso e itlamileng go fefosa ditlhabololo dingwe tse di saletseng kwa morago.
Are mo lenaneong le, metse e e mo kgaolong ya gagwe e tlaa bona ditlhabololo jaaka go agiwa ga dikantoro tsa sepodisi kwa Mmopane, sekole se segolwane kwa Kopong, go godisiwa ga dikokelwana tsa Kopong le Lentsweletau, kgotla ga mmogo le go agiwa ga sekole se sengwe se se botlana kwa Kopong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LENTSWELETAU
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 05 Feb 2023