Breaking News

Borre ba rotloeditswe go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana

05 Feb 2023

Borre ba rotloeditswe go tsaa boikarabelo jwa go etelela malapa a bone gammogo le go tsaa karolo mo kgodisong ya bana ba bone.

Ba gakolotswe jalo mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke mokgatlho o o bopilweng ka baruti le ditlhopha tse di ikemetseng ka nosi o o bidiwang BOFABONETHA kwa Paje le Mabeleapudi bosheng. 

Mogokaganyi wa BOFABONETHA, Dr Duncan Setlhare o boletse fa borre ba ithontsha ditshwanelo le boikarabelo jwa bone ka go tlogela bomme ka bana ba sa ba tlhokomele. O boletse fa bangwe ba phuaganya bana ba bone go bo gotwe rraagwe ngwana o gatilwe ke terena.

Dr Setlhare  o ba gakolotse go iphapha mo kgokgontshong ya bomme le bana. A re mosadi ga a betswe, a tlatsa ka gore re bomme ba tlhoka tshireletso ya borre. 

Dr Setlhare o boletse fa bomme ba batla go ratiwa le go bokiwa, ba tlakisiwa nako le nako. 

Kgosi Sebonego Tebelelo wa Mabeleapudi, o boletse fa ba tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga borre go etela dikokelo.

Kgosi Tebelelo o boletse fa borre ba le sephiri thata e bile ba rata nnotagi, selo se a reng se na le seabe mo dikgokgontsho ya bomme. Kgosi o boletse fa bana ba dule mo taolong gompieno, ka gore ga gona taolo ya borre mo  malwapeng. 

Fa ba tswa la bone, borre ba buile ka dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone.

Ba boletse fa ba imelwa ka go beilwe go le go ntsi mo magetleng a bone.

Ba buile fa nako tse dingwe  bomme ba sa ba tlotle.

Mo go tsa botsogo, borre ba ba neng ba tseng phuthego ba boletse fa ba na le go itoba ka gore ba tshaba gore malwapa a ka thubega fa ba bolelela bakapelo ba bone fa ba lwala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 05 Feb 2023