Se itlhabeng ka thipa mpeng
02 Feb 2023
Banni ba kgaolwana ya Taung kwa Gaborone ba gakolotswe go sa loba borukhutlhi jwa bana ba bone ka ba ka nna borai mo matshelong a setshaba le mo batsading ba bone.
Erile a buisa phuthego ya kgotla kwa Taung ka Mosupologo, Mopalamente wa kgaolo ya Gaborone Bokone, Rre Mpho Balopi a supa fa bana ba go nna jalo ba sa kgalemelesege mme a kopa botsadi go laola metsamao ya bana.A re batsadi ga re ba nne le boikarabelo mo matshelong a bana ba bone mme le bone bana, ba tseye boikarabelo jwa matshelo a bone gore ba nne le seabe mo go ageng ledula le Botswana a itseweng ka lone.
Mothusa mookamedi wa mapodise mo kgaolong, Assistant Superintendent Victor Leshiba a re ba sepodisi ba tshwenyegile ka go tlhoka tsebe mo go feteletseng ga banana ba kgaolo.A re bana ba inaakantse le borukhuthi, bosigo kana motshegare go tshwana fela. Fa a itebaganya le tiriso ya diritibatsi, Assistant Superintendent Leshiba o ne a tshwaya botsadi phoso a re ke bone ba itseng motswedi wa tsone.
A re diritibatsi di rekisiwa ke bananyana ba bannye thata, seo e le sesupo sa gore ba rumile ke bagolo. Assistant Superintendent a re e le ba sepodise, ba palelwa ke go emisa dikgang tse ka gangwe le gape, dikgang tsa teng di nna madiadia fa ba botsolotsa ngwana ka o a bo a le dingwaga tse di kwa tlase go seka.
“Le a ba bolaya ebile le ba bolaela ruri,” ga tlhalosa Ass Sup Leshiba, a re jaaka bana ba dirisa diritibatsi ga gona jaaka fa di ka tswa mo go bone. O ne a tlhalosa fa sepodisi se ka se kgone se le nosi, a re ‘dirukhutlhi di mo matlong a lona’ ka jalo a kopa gore go nne le kgalemo. e seng jalo dikokelo di tla tswalwa ka gore ba tlhorontsha baoki bosigo ka baoki ba ba theogelang bosigo ba sa babalesega bakeng la borukhuthi jwa bana ba kgaolo.
E rile a ntsha pego ya komoti ya Ditlhabololo, mothusa modulasetilo, Rre Ginger Ernest o ne a re banana ba dirisa diritibatsi thata. Rre Ginger o tlhalositse gore diritibatsi di akaretsa motekwane le katse di tsere phekelo e sele mo kgaolong, a re ka jalo go nna le botlhoka tsebe. “Motekwane o a gogwa, ga re itse gore o tswa kae, mme o jewa, jewa fela, re ipotsa gore o tswa kae” ga tlhalosa Rre Ernest.
Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Ernest o ne a supa matshwenyego a go tlhoka go tsewa ga matlakala.
O ne a re matlakala a tsa ya dibeke a sa olelwe , mme ka jalo a bake leswe le le tseneletseng mo kgaolong a re dintsha di a phunya, mo go sa siamelang botsogo jwa batho le tsone dintsha tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : KGOTLA MEETING
Date : 02 Feb 2023