Metse ya Okavango e tlaa bona ditsela
02 Feb 2023
Khansele ya Okavango e ikaelela go dira ditsela mo metseng ele mene ka lenaneo la ditlhabololo tsa dikgaolo mo ngwageng ono le oo tlang.
Se se builwe ke mogolwane wa Ofisi ya Ditlhabololo mo khanseleng eo, Rre Lesego Seidisa fa a begela bokopano jwa khansele e e haphegileng e e neng e tsenye bekeng eno.
Rre Seidisa o tlhalositse fa maikaelelo ele gore lenaneo leo la ditlhabololo tsa dikgaolo le dirisiwe go tokafatsa ditsela tse di fa gare ga motse.
Ka jalo one a re Khansele ya Okavango e tla a tlhoka madi a a kana ka P16 600 million go tokafatsa ditsela tsa metse ya Shakawe, Seronga, Gumare le Nokaneng.
Rre Seidisa one a re kwa Shakawe go tla a dirwa tsela e e yang kwa lebaleng la difofane, e e yang kwa lefelong la matlakala le e e yang kwa sekolong se se botlana sa Xhaoga mme a re ditsela tseo di tla a lopa madi a a kana ka P500 000.
O ne a re kwa Seronga go tla a dirwa tsela e e yang kwa di ofising tsa sepodisi mme a re le yone e tla a lopa madi a a kana ka P500 000.
Rre Seidisa o tsweletse a re kwa Gumare go tla a dirwa tsela e e fetang gaufi le sekolo se se potlana sa Thale a re tiro eo e tla a lopa madi a P300 000 fa kwa Nokaneng go tla a dirwa tsela e e fetang fa ga re ga motse.
Makhanselara ba Okavango ba ne ba amogela kopo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Phuthego
Date : 02 Feb 2023