Thomo ya setshaba ga se maemo
02 Feb 2023
Mopalamente wa Lobatse, Dr Thapelo Matsheka a re tiro ya bopalamente kgotsa bokhanselara ga se maemo, ke go direla setshaba.
Dr Matsheka o buile se a abela ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse supa wa kgaolwaneng ya Botoka, yo o tshelang ka bogole, kolotsana ya ba-na-le bogole kwa Lobatse Labobedi.
A re o tlaa tswelela a thusa kwa go nang le letlhoko teng, a thusana le khansele ya Lobatse, gore ba mo thuse ka maina a batho ba ba tlhokang dikolotsana tseo.
Mmaagwe ngwana yoo abetsweng kolotsana eo, Mme Cynthia Mahupa, e bong mmaagwe eo ya bana-le o itumeletse mpho eo thata.
Mme Mahupa a re ngwana wa gagwe o tshotswe ka bogole joo, mme o amogela dithuso tsotlhe tse di maleba go tswa mo khanseleng. A re kolotsana e e tla mo thusa, bogolo jang go tsamaya kana go dira ditiro tsa mo lwapeng.
Motshwara madi wa komiti ya ditlhabolo ya kgaolwana ya Botoka, Rre Bathusi Nkatlholang o ne a leboga mopalamente ka mpho eo, a re e tlaa thusa thata, bogolo jang go na le mosepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Kanye
Event : Moletlo
Date : 02 Feb 2023