Dikgaolo tse nne ga di na baemela Kgosi
02 Feb 2023
Mothusa Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talitha Monnakgotla a re dikgaolo tsa Kgalagadi, Ghanzi, Chobe le Bokoni Botlhaba (North East) ga di na baemela kgosi jaaka dikgaolo tse dingwe.
Fa a araba potso kwa bokopanong jwa Ntlo Ya Dikgosi ka Labobedi, Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa mo dikgaolong tse, maemo a a salang morago a ga kgosi e le a kgosana, mme go ka se nne le phatlha ya moemela kgosi ka jaana go sena pharologanyo magareng ga Kgosi le Kgosana.
A re ka jalo, dikgaolo tse di tshwanelwa ke go ikopanya go batla Kgosi ya kgaolo, yo eleng gore o tla nna le tetla ya go tsenelela merero kgotsa tsamaiso ya metse e mengwe.
Kgosi David Toto wa Kgalalagdi borwa o ne a boditse tona gore lephata la gagwe le ikaelela go thiba leng phatlha ya moemela kgosi mo kgaolong tsa Ghanzi, Kgalagadi, Chobe le Bokoni Botlhaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Meeting
Date : 02 Feb 2023