Breaking News

Sekole sa Shoshong se ipelela maduo a lokwalo lwa boraro

01 Feb 2023

Sekole se segolwane sa Shoshong ke sengwe sa dikole tse di tswang kgakala di iteka mo ditlhatlhobong tsa  lokwalo lwa boraro. 

Se, se tlhalositswe  ke mogokgo wa sekole, Mme Kealeba Gaborekwe mo potsolotsong bosheng.

O tlhalositse fa ka ngwaga wa 2020, maduo a sekole a ne a le 55.6 per cent mme ka 2021 ba amiwa ke COVID- 19 sekole sa wela kwa go 45.7 per cent mme ba kgona go itlhotlhora mo kwelotlaseng eo ka 2022 ba busetsa seemo mo tseleng ba fitlhelela 58.6 per cent yo o ba beileng mo maemong a lesome le bobedi lefatshe ka bophara, maemo a bosupa mo kgaolong ya legare, maemo a ntlha mo dikoleng tsotlhe tsa se legae ka gore dikole tse di ba gaisitseng ke tsa ditoropo fela tsotlhe.

A re maikaelelo a bone ke go ntsha maduo a 65 per cent yo e leng seelo sa lefatshe mme ba solofela gore ba tlaa kgona.

Mme Gaborekwe a re sekole sa Shoshong JSS se rotloetsa tirisano mmogo gareng ga batsaya karolo botlhe mo thutong.

O ne a lebogela kemonokeng ya batsadi ba baithuti a supa fa ba kgathala thata ka thuto ya bana ba bone ebile ba dirisana le barutabana sentle.

Mme Gaborekwe a re ba suga ngwana go simolola ka mophato wa ntlha ba mo tlwaetsa maduo a mantle mo sekoleng se segolwane mme se se ba thusa go nna le baithuti ba ba tlhaga mo dithutong.

O ne a akgola barutabana ba dikole tse di potlana a re tiro ba a e dira ya go ntsha maduo a mantle, mme a supa fa ngwana a tsena kwa sekoleng se segolwane a nna le diphetogo tsa go gola le go rakana le tsotlhe tse di ba kgoreletsang go ithuta ka natla.

A re e le ba Shoshong JSS ga se gantsi ba itemogela kwelo-tlase ya maduo a bana.

A re go kwadile bana ba le 111 go dule bo A ba le boferabongwe, bo B ba le 19, bo C ba le 37 se se raya gore bana ba le 65 ke bone ba ba pasitseng ba dirile 58.7 per cent wa sekole.

O kaile fa bo A ba kgaoganwe ke basetsana ba le bane le basimane ba le batlhano.

Baithuti ba ba di gogang ko tlhogong ke Lejwadile Sololo, Keitumetse Mogorosi, Laone Mokalake le Katlego Dijeng botlhe ka 57 points.

O ne a supa fa thuto e e di gogang kwa godimo e le ya Art ka 77.4 per cent, e latelelwa ke ya Agriculture ka 63.9 per cent ya boraro e le Religious Education ka 61.5 per cent.

O ne a rotloetsa gore bana ba ba sa dirang sentle ba se ka ba itlhoboga, a rotloetsa le barutabana ba dikole tse di sa dirang sentle gore ba seka ba ineela, ba dire ka natla gore ba kgone go ntsha maduo.

Morutabana wa Art, Rre Keabetswe Rankaje o ne a thalosa fa thuto e e tswa kgakala e dira sentle mo sekoleng sa bone.

A re ka ngwaga wa 2020 ba nnile le 86 per cent mo thutong ya Art, ba nna le dikgwetlho tsa COVID-19 ka 2021 mme ba wela kwa go 62 per cent, a re ba boela kwa godiomo ka 2022 ba dira 77.4 per cent yo o supang fa tota ba boela kwa maduong a bone a a kwa godimo ga 80 per cent.

O ne a tlhalosa fa Art e le tiro ya diatla e e gwetlhang gore fa ba tsaya bana kwa mophatong wa ntlha ba ba dire gore ba e rate a bo ba nna le tshwaragano ba thusana le barutabana mo lephateng la Art gore ba fitlhelele maduo a mantle.

A re go dira gore ngwana a ikamogele gape go dira gore ngwana a kgone go dira sentle.

Rre Rankaje a re go le gantsi o rotloetsa bana gore ba seka ba lebelela thuto e le nngwe fela ba fe tse dingwe nako gore ba kgone go dira bontle mo go tsone tsotlhe.

A re botlhale ga se ba sekole fela, ba ka kgona go itirela sengwe se se molemo kwa ntle ga sekole.

Rre Rankaje o ne a ntsha matshwenyego a gore ba nna lebaka le le leele golo go le gongwe ba sa sutisiwe mme se se ba kgoba marapo, go ba baya ka fa mosing fa go tla ka fa matshelong a bone a kwa ntle ga tiro.

Bangwe ba baithuti ba ba dirileng sentle ka A, Laone Mokalake le Tlhompho Noke ba re ba itumeletse maduo le ntswa ba ne ba solofetse Merit.

Ba supile fa ba ne ba tsere dithuto tsa bone ka tlhoafalo, ba dirisa ditlhatlhobo tse di fitileng go itlhokotsa, ba bala mo sekoleng le fa ba le kwa malapeng.

Laone o rotloeditse baithuti ba ba sa dirang sentle gore ba tsene di brigade ba tsweledise dithuto tsa bone. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng le Gaone Fati

Location : Shoshong

Event : Potsolotso

Date : 01 Feb 2023