Breaking News

Ditshekatsheko di tsweletse

01 Feb 2023

Ditshekatsheko tsa go tlhomamisa Mohembo East go nna motse semmuso di tsweletse. 

 Fa a araba potso kwa Ntlo ya Dikgosi  ka Labobedi, Mothusa tona wa Lephata la Dikgalo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla a re mo nakong eno, tsheka-tsheko ya gore Mohembo East a tlhomamisiwe go nna motse semmuso e tsweletse, mme e tlare morago khuduthamaga ya matona e ntshe pego e e tla rolelwang ba ba amegang.

A re tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabolola Magae o rera le botlhe ba ba tshwanetseng le gone go seka- seka kgang ya gore lefelo leo le tla tlhoka go direlwa dtilhabololo le ditlamelo.

Mme Monnakgotla o ne a araba potso go tswa kwa moemedi wa kgaolo wa Okavango kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Disho Ndhowe. Kgosi Ndhowe yo o neng a kopile tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go tlhalosetsa ntlo gore Mohembo East o tla tlhomamisiwa leng go nna motse.

Kgosi Ndhowe o ne a botsa gore ke eng se sa emisitseng gore Mohembo East a tlhomamisiwe go nna motse semmuso ka gore o na le palo ya batho e tlhokwang gore go dirwe jalo.

Kgosi Ndhowe o ne gape a kopa gore ntlo e tlhaloseditswe gore ke eng se se kgoreletsang gore motse wa Nxau-Nxau o akarediwe mo lenaneong le le haphegileng le le thusang go fokotsa manokonoko a kokonelang banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo. 

 E rile a tsibogela potso e, Mme Monnakgotla o tlhalositse gore motse wa Nxau-Nxau o kile wa nna mo lenaneong le le itebagantseng le le thusang go tlhabolola mafelo a kgakala le ditlamelo la Remote Areas Development Programme (RADP) go tswa ka ngwaga wa 1970 go fitlha ka 2003.

O tlhalositse gore morago go ne ga dirwa ditshekatsheko go lebeletswe seemo sa palo ya batho, ka fa tlase ga melawana ya National Settlement Policy, ka jalo motse wa Nxau-Nxau wa kaiwa o le mo seemong sa metse ya Tertiary 3.

Mme Monnakgotla a re morago ga gore kgaolo ya Ngami e amiwe ke bolwetse jwa lekgwafo jo bo ileng jwa baka gore dikgomo di bolawe go bo nyeletsa ka ngwaga wa 1995, le go fudugela kwa Namibia ke bangwe ba merafe ya Baherero le Babanderu kwa ngwaga wa 1996 go ne ga fokotsa palo ya banni ba motse wa Nxau-Nxau.

Ka jalo, Mme Monnakgotla a re mo nakong eno, motse wa Nxau-Nxau o na le batho ba le 417, seemo se se dirang gore o wele tlase ka sekale ka jalo o nne mo selekanyong sa Tertiary IV.

O tsweletse a re sengwe gape se se lebelelwang ke gore sekgala fa gare ga motse o amegang le mengwe e mo tikologong mme e le ya seemo sa Tertiary 3 kana go feta. A re lephata la gagwe le tla tswelela ka go thusa motse wa Nxau-Nxau ka mananeo a puso ka go farologana.

E rile a tsibogela potso ya moemedi wa kgaolo ya Ngwaketse West e leng Kgosi James Khumanego, mme Monnakgotla a tlhalosa gore diofisi tsa makgotla a morafe kwa metseng ya Sese le Sesung di tla gokelwa mo maranyane a ditlhaeletsano ka lenaneo la SmartBots mo ngwageng ono wa madi.

Kgosi Khumanego o ne a kopile tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go tlhalosetsa phuthego e tsweletseng ya Ntlo ya Dikgosi palo ya diofisi tsa dikgotla mo kgaolong ya Ngwaketse West tse di tla gokelwang maranyane a ditlhaeletsano mo ngwageng ono wa madi. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Ntlo ya Dikgosi

Date : 01 Feb 2023