Breaking News

Ba kopilwe go ipaakanyetsa ditlhabololo

31 Jan 2023

Mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga o gakolotse banni ba  Shakawe le Okavango go ipaakanyetsa go tlhabologa ga motse wa Shakawe.           

A re ba tswe ka methale ya gore ba ka dira dikgwebo go bona  letseno jaaka go aga matlo a phiriso.

O ne a ba gakolola gore ba dirise dibanka tse di mo kgaolong go bula  matlole a peeletso le dikamogelo mo go ba ba nang le dikgwebo potlana.

Rre Kapinga o ne a gakolola banni ba Shakawe gore ba tswe ka metlhale e mengwe jaaka go nna le letsatsi la balemi go fa balemi sebaka sa go ipapatsa le go dira metshelo ya tsa diphitlho gore e seka ba nna le dikgwetlho fa ba latlhegetswe ke ba masika.

Mo go tse dingwe, Rre Kapinga o gwethile batsadi mo kgaolong go tsenya maatla mo thutong ya bana.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, o boletse fa maduo a baithuti ba kgaolo ya Okavango a sa itumedise e bile a re ga gona phetogo e e botoka mo go a a duleng mo ngwageng ono le a dingwaga tse di fetileng.

A re seo se a tshwenya ka thuto ke yone e e ka fetolang bokamoso jwa bana, ka jalo one a re ke boikarabelo jwa batsadi gore ba tshware ka thata gore maduo a bana ba bone a fetoge.

Fa a amogela morafe, Kgosi Mutemo Mbambo wa Shakawe o ne a re o tshwenngwa ke boitsholo jwa bana mo motseng oo. A re banana ba inaakantse le ditagi, a re tiriso ya ditagi e ile magoletsa mo motseng selo se se bakileng gore banana ka bontsi ba tlhoke tsebe. A re ele ba bogosi ba itshwaragantse le sepodisi go lwantsha seemo se. Mongwe wa banni ba Shakawe Mme Semaswe

Mokgwathi a re go tlhoka go tsenya letsogo le go sa kaela bana ga batsadi bangwe go bakile gore maduo a dithuto tsa bana a wele tlase.

Rre Ipolokeng Seloka o ne a re boitaolo jwa bana bo bontsi mo motseng ka bangwe ba a nwa majalwa e bile ba goga motsoko.O ne a kopa gore ba sepodisi ba fiwe tetla ya go otlhaya bana ba ba duleng mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SHAKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 31 Jan 2023