Rasesa o tlaa nama a sena Kgosi- Sekai
31 Jan 2023
Morafe wa Rasesa o tlaa nama o sena kgosi le yo a tla a mo tlhatlhamang morago ga gore bogosi jwa motse oo bo aparelwe ke dikgang tse mo nakong eno di leng fa pele ga lekgotla.
Se se builwe ke motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai ka Labone kwa Rasesa. Kgosi Sekai o ne a tlhalosa fa e ne yare bosheng a tla kwa kgotleng ya Rasesa go tla go tlhomamisa kgosana Kagiso Buisanang le yo a mo tlhatlhamang, mme bangwe ba bo ba mo fa lekwalo ba supa fa ba sa dumalane le go tlhomamisiwa ga bobedi joo.
Kgosi Sekai o ne a tlhalosetsa morafe gore o ne a seka a dumalana le lekwalo leo ka jaana e ne e se mokwalo o o rurifaditsweng go tswa kwa pusong.
Ka jalo, o ne a supa fa jaanong a rurifatsa fa a amogetse mokwalo go tswa kwa pusong, o o lopang gore kgosana Buisanang le yo a mo tlhatlhamang ba name ba emetse kwa thoko, go fitlhela kgang e rarabololwa ke kgotla tshekelo.
“Le tlaa nama le na le ditshokolo tsa go thusiwa mo kgotleng,”Kgosi Sekai a tlhalosa jalo mme a kopa gore morafe o kope dithuso tsa bogosi mo metseng e e mabapi e tshwana le wa Pilane, Morwa, Bokaa le Malotwane.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Sekai o ne a tlhalosetsa morafe gore bogosi jwa Rasesa ke bogosi jo bo tsalelwang. O kaile gape gore bogosi jwa motse oo bo na le ditsamaiso.
E ne yare fa a tlhalosa mo potsolotsong se se ka tswang se bakile ketsaetsego gore ke mang yo a tshwanetsweng ke go tsaya setilo sa bogosi jwa motse oo, Kgosi Sekai a supa gore mo dingwageng tse dimmalwa tse di kwa morago, bogosi jwa Sekgatla bo santse bo tshwerwe ke Kgosi Mmusi yo a sa tlholeng a le mo botshelong, morafe wa Rasesa wa ikuela o kaya fa bogosi joo bo le mo diatleng tse di sa lebanang, mme ba seka ba atlega.
O tsweletse a bolela fa morafe, o ne wa boa gape wa ikuela mo go Kgosi Mothibe, mme ka go tlhoka lesego a seka a kgona go ba thusa, go fitlhelela go tsena ene jaanong a bo a ema ka dinao a tlhotlhomisa kgang eo.
A re o ne a ema ka dinao a tsaya matsapa otlhe a a neng a tlhokafala. A re ene le Kgosi Kgolo Kgafela le bo rraangwaneagwe go ne ga dumalanwa ka 2011 gore kgosana Letshwenyo Rasesa fa a tlogela setilo ka ntata ya bogodi, go bewe ba ba lebanweng ke setilo sa bogosi.
O gateletse gore ntlo ya bogosi jwa Sekgatla, e ne ya netefatsa gore go salwa morago ditsamaiso tsotlhe tsa bogosi go dira tiro e ba sa fapoge gope.
Ka go tlhoka lesego, Kgosi Sekai o supile gore go na le bangwe ba ba ipelaetsang fa ba sa dumalane le tshwetso eo, ke ka moo kgang e leng fa pele ga lekgotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : RASESA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 31 Jan 2023