Breaking News

Losabanyana e tlaa agelwa sekole se se botlana

30 Jan 2023

KANYE- Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo o lebogetse banni ba Losabanyana gon nnaa le boitshoko le bopelotelele go letela sekole se se botlana.

 O supile jaana fa a semolodisa semmusu tshimolodiso ya kago ya matlo a supa a barutabana a sekole a a tlaa agiwang ka madi a a kana ka P21.5 million ke khamphani ya Black Rubie Properties (Pty) Ltd.

 Sekole se sebotlana se tlaa agiwa mo nakong e e sa fediseng pelo.     O supile fa a a itumelela go bona motse wa Losabanyana o bone ditlhabololo mo nakong e khutswane morago ga lefatshe le sena go itemogela manokonoko a itsholelo kantlha ya COVID-19.

 “Kgaolo ya Kanye e sego go gaisa dikgaolo tse dingwe. Go a bonala gore le fa bothata bo ntse bole teng, puso e itemogela dikgwetlho tsa kwelo tlase ya itsholelo, ditlhabololo di a goroga,” Mopalamente Letsholo a tlhalosa.

  Rre Letsholo o akgotse makhanselara a khansele ya Kanye a supa fa gone gole thata gore sekole se felele se agiwa mo Kanye, ka sene se batliwa ke dikgaolo tse dintsi di akaretsa Kanye bokone, Goodhope le Moshupa.

  O supile fa khamphani ya Black Rubie Properties e dumetse kopo ya gore e dire tiro ka nako ee beilweng, ka madi a a dumalanweng, le go diragatsa dikeletso tsotlhe tse di dumalanweng.

  O gakolotse gore go dira jalo go tlaa a tsholetsa serodumo sa dikompone tsa Batswana.

 “Mogopolo wame ke gore sekole se batlelwe leina le le tiileng, le le nang le boleng, le le tla a ba babalelang ngwao le setso, le le tlaa re fang tsholofelo ya bokamoso jo bo nonofileng,” a supa.

  A re puso e dirile lenaneo la ditlhabololo la nakwana le le tlaa ba isang ko ngwageng wa 2025, a tlatsa ka gore  Palamente e tsere tswetso ya gore lenaneo la ditlhabololo (NDP 12) le simolole ka Moranang 2025, gore, goya pele, le tsamaisane le lenaneo la ditlhopho.

“Se ke ka ntlha ya gore puso e tsere tshwetso ya gore lenaneo la ditlhabololo le simolele fa go iwa ditlhophong gore ba ba rumilweng ko palamenteng ba kgone go tsenya megopolo e ba neng ba ithekisa ka yone mo lenaneong la ditlhabololo,” a tlatsa.

  O supile jalo gore ka ntlha ya se, lenaneo la nakwana  le tsile ka ditlhabololo tse dingwe gape jaaka sepatela sa Kanye, a tlatsa ka gore le tlaa thusa go emisa seemo sa letlhoko la metsi mo Kanye.

 Fa a bua ka letlhoko la ditsha, o supile fa bogogi jwa puso bo tshwentswe bogolo jang ke banana ba ba nnang mo malwapeng le batsadi ba sa filwe ditsha, a supa gore nako e fitlhile gore batho ba fiwe ditsha.

“Motlotlegi Tautona Masisi o ne a laela bodiredi jwa lephata la kabo ditsha gore ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o, mo lefatsheng la Botswana abo go abilwe ditsha di le 100 000. 

  A re tshwetso e, e setswe morago ke ee reng ditsha jaanong di tlaa abelwa batho le ntswa go ise go tsenngwe ditlhabololo tsa metsi, motlakase le ditsela. BOPA 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Kanye

Event : Meeting

Date : 30 Jan 2023