Breaking News

Dipalo ga di letle kago ya sekole

30 Jan 2023

Sekole se segolwane se se neng se solofetswe go agiwa kwa motseng wa Ngware, se seegetswe fa thoko ka ntlha ya dipalo tse di kwa tlase tsa bana.

   Mafoko a, a boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Botlhapatlou ka Labone, a supa fa palo ya bana ba dikole tse di dikologileng Ngware di le kwa tlase fela thata, ka moo puso e ne ya seegela kwa thoko go agiwa ga sekolo seo go fitlhela dipalo tsa bana di lekana.

     Mo go tse dingwe mopalamente o ne a supa fa mogare wa Corona o santse o le teng ebile o tsweletse ka go gapa matshelo a batho- ka jalo a kopa ba ba sa tsayang mokento wa bobedi go ya go o tsaya, a supa fa melemo e le teng mme e tla a phatlaladiwa le lefatshe leno mo dibekeng tse di tlang. 

    Rre Kablay o supile fa go goroga ga melemo mo Botswana go tla a araba tlhaelo e e ntseng e le teng.

     Mo go tse dingwe mopalamente o supile fa puso e tshwentswe ke kgokgontsho e e diragalang mo lefatsheng leno, a tlhalosa fa bakapelo ba na le gore fa yo mongwe a mo kopa gore ba kgaogane, a bo a tsaya tshwetso ya gore a mo tseele botshelo.

   O ne a ntsha matshwenyego a gore ba ba kgokgontshiwang ba na le go tsholola dikgang, mme e re kwa bofelong ba felele ba bolawa.

Rre Kablay o ne gape a ntsha matshwenyego a bana ba ba dirang maitsholo a a sa siamang, a tlhalosa fa bana ba ipopa digongwana kwa dikoleng, mme ba felele ba senya dikago tsa sekole.

   O kopile batsadi go bua le bana ka mosola wa thuto, a supa fa thuto e le bokamoso jwa bone.

Mopalamente o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go ruta bana ka teme ya bone, a supa fa go setswe go simolotswe go isa dibalamakgolo le go gokela maranyane kwa dikolong.

   Fa a araba selelo sa ga Kgosi Domkrag Omphitlhetse, sa tsela ee maswe ya Molepolole/ Botlhapatlou, mopalamente o tlhalositse fa tona wa Dipalamo le Ditiro tsa Setshaba Rre Eric Molale a tla a etela kgaolo, go tla go bona seemo sa ditsela.

   A re go tla a sekasekwa seemo sa Ipelegeng, a tlhalosa fa babereki ba Ipelegeng ba dikile ba sa okelediwa madi ka ntlha ya tlhaelo ya madi. Mopalamente o ne a supa fa ditlhabololo tse dingwe di tla a dirwa fa madi a bonetse.

  Fa ba tswa la bone banni ba motse wa Botlhapatlou ba ne ba supa fa matshwenyego a bone a matona e le tsela, bangwe ba supa fa ba batla matona a maphata go etela motse wa bone. Ba kopile gape gore go thusiwe batho ka dijo tsa nakwana ka jaana go sa le leuba.

   Mme Boitshawarelo Rebolang o ne a ntsha matshwenyego a gore ba sale ba fiwa dithuso tsa go apaya borotho, mme matshwenyego a agagwe a matona ke gore ga ba fiwe tiro ya go apeela bana ba sekole borotho.

     Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng o ne a supa fa ba tla a tlaa go tsaya megopolo ka sekano sa khansele ya Letlhakeng, a supa fa jaanong ba tswa mo sekanong sa khansele ya Molepolole. O kopile gore se, se seka sa ba kgaoganya.

    Fa a fa malebogo Kgosi Botlogetswe Rabasoma, o ne a lebogela ka fa ba tsenyeng phuthego eo ka teng. O ne a kopa banni ba Botlhapatlou go tsena diphuthego tsotlhe ka bontsi jalo eseng fela ya mopalamente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Botlhapatlou

Event : Meeting

Date : 30 Jan 2023