Magosi ba rotloediwa go rera lenaneo
30 Jan 2023
Mokwaledi mo Ofising ya ga Tautona, Mme Emma Peloetletse o rotloeditse magosi go lomagana le morafe go diragatsa mananeo a puso.
Mme Peloetletse o ntshitse kgakololo morago ga ithutontsho ya malatsi a mane ya maloko a Ntlo Ya Dikgosi ka Labotlhano,
O gateletse botlhokwa jwa gore magosi ba netefatse gore maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go rotloetsa setshaba go dira dilo ka mokgwa o fetogileng, ba dirisa dikitso tsa bone go itshetsa le go tswakanya itsholelo a tswa tema.
Mme Peloetletse o tlhalositse fa go le botlhokwa gore magosi a fetole ka fa ba dirang ditogamaano ka teng gore di tsamaelane le lenaneo la ga Tautona Masisi la tlhomo ntsha ka gore maikaelelo ke go fetoga, go tswa mo mokgweng wa tlwaelo wa go dira ka maikaelelo a go bona diphetogo tse di botoka mo matshelong a batho
“Tsholofelo ke gore le ya go abelana se le se rutilweng le magosi a mangwe a e seng maloko a Ntlo ya Dikgosi. Thutuntsho e, e ka nna lefela la mafela fa e le gore e ka se dirisiwe,” Mme Peloetletse a tlhalosa.
Mme Peloetletse o tlhalositse fa lenaneo la ga Tautona Masisi la go fetola ka fa dilo di dirwang ka teng le tla a simolodisiwa mme a gwetlha magosi go tsaya karolo go isa lenaneo le kwa bathong.
Mokwaledi mogolo a re o solofela fa ithutuntsho e file magosi botsipa ka jalo ba tla a kgona go ya go dira diphetogo kwa metseng ya bone ka go farologana.
Ithutuntsho eo e ne tshwerwe ke lekalana le le rotloetsang bonatla le botlhaga mo tirong la Botswana National Productivity Centre (BNPC).
Fa a ntsha maitemogelo a gagwe ka thutuntsho e, Kgosi Nlakidzi Kabelo o supile fa a ithutile go le gontsi thata mo malatsing a mararo, a re o itemogetse gore moeteledipele o tshwanetse a ikitse pele a ka itse ba a ba eteletseng pele.
Kgosi Kabelo a re moeteledipele wa nnete o tshwanetse a lebe makoa le bokgoni jwa gagwe mo tirong e a e dirang letsatsi le letsatsi.
Fa a tswa la gagwe Kgosi ya Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o ne a supa fa a ya go simolola go bereka le makalana a puso ka go farologana kwa kgaolong ya gagwe bogolo jang ka mananeo a ga tautona.
A re go ya pele thutontsho e tla a ba kgontsha go dira diphetogo le go dira dilo ka pharologanyo ga mmogo le go diragatsa mananeo a tlhomo ntsha kwa metseng ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : Gaborone
Event : Meeting
Date : 30 Jan 2023