BDP e tlhabolola matshelo a Batswana
29 Jan 2023
Botswana Democratic Party (BDP) e santse e tsepame mo pusong ya batho ka batho, go tlhabolola matshelo a Batswana le go godisa itsholelo ya lefatshe ka kagiso le thokgamo.
Se, se builwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa moletlong wa go amogela Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso semmuso, mo phathing ya BDP ka Matlhatso kwa Shoshong.
Tautona Masisi o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le santse le itsetsepetse mo pusong ya batho ka batho ka nonofo ya baeteledipele botlhe ba pele ba lefatshe le phathi ya BDP, gammogo le kemonokeng ya maloko otlhe a phathi.
A re lentswa baeteledipele ba pele ba ne ba kopana le dikgwetlho, ba ne ba kgona go tsweledisa ditlhabololo ka kemo nokeng ya phathi ya BDP.
Tautona Masisi a re Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama o ne a kopana le kgwetlho ya leuba, Tautona Sir Ketumile Masire ene a kopana le kgwetlho ya bolwetse jwa lekgwafo jwa dikgomo kwa kgaolong ya Nhabe, Tautona Dr Festus Mogae a ne a kopana le kgwetlho ya bolwetse ja HIV/AIDS fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ene a ne a kopana le kgwetlho ya kwelotlase ya itsholelo, lefatshe ka bophara (economic recession), le ngaloditiro ya badirelapuso ka ngwaga wa 2011.
Tautona Masisi o lebogile baeteledipele ba botlhe, mme a akgolela Lt. General Khama go bo a ne a kgona go tsepama a bo a nonofa go busa, ka kemo nokeng ya BDP, ka nako ya ngaloditiro ya badirelapuso fa puso e ne e gotlhagotlhana le badirelapuso.
“Go ne go le thata. Ke batla go mo leboga gompieno. He was my President and he has always been my President. Le seka la nna le akanya gore fa bana ba motho ba sa utlwane, kana ba sa dumalane, go tla nna jalo ruri. Ke rapela Modimo gore nako nngwe re tla kopana maitshwarelo. Mme le ene a iketle, Motho wa Modimo, a gakologelwe gore tota o ne a le se a leng sone ka phathi ya Domkraga,” ga bua tautona Masisi.
Tautona Masisi o supile boitumelo ka go atlega ga modiro wa go amogela mopalamente morago ga go tlosolosiwa ngwaga o fetileng ka seemo sa lewapi se se neng se sa iketla.
Rre Lesaso o ne a tlogela phathi ya Botswana National Front, ka fa tlase ga Umbrella for Democratic Change, a fudugela kwa BDP, moragonyana ga go fenya ditlhopho tsa bopalamente tsa kgaolo ya botlhophi ya Shoshong mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2019 ka dipalo tsa batlhophi di le 8 475, kgatlhanong le tsa BDP tse di 3 843 le tsa Alliance for Progressives tse di 697.
Ka jalo, Tautona Masisi o lebogetse Rre Lesaso go bo a ne a bona go le botlhokwa go fudugela kwa BDP a bo a rotloetsa maloko a BDP go mo amogela sentle mo phathing.
Mo godimo ga moo, Tautona o ne gape a amogela maloko a masha mo BDP a a neng a patilwe gape ke Mokhanselara wa pele, Rre Reuben Balemogi, go tsweng ko Botswana Patriotic Front.
Fa go iwa ditlhophong tsa ngwaga wa 2019, Dr Masisi a re o ne a dikilwe, mme a supa boitumelo gore BDP e ne ya kgona go fenya ditlhopho ya oketsa dipalo tsa batho ba ba neng ba e tlhophile go feta jaaka e ne e fentse ka dipalo tsa ditlhopho tsa 2014.
Go nonofa ga baeteledipele ba pele ba lefatshe la Botswana, Tautona a re ke gone mo go tsweletseng ka go baka go kitlana ga BDP.
“Mme gape go diriwa ke lona le le Madomkraga, mme phathi e ntse e tsepame mo matshegong a yone a go rerisa Batswana, go direla Batswana botlhe go sena kgethololo le go,” a tlatsa.
Ka jalo, o kopile batho ba kgaolo ya Shoshong go busetsa Rre Lesaso kwa palameteng a bo gape a kopa le maloko otlhe a BDP go busetsa phathi ya BDP mo pusong ka ditlhopho tse di tlang tsa 2024 gore e tswelele ka go etelela lefatshe.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Mopalamente wa Shoshong, yo o neng a patilwe ke bana ba gagwe le Mmaagwe, Mme Grace Lesaso, o ne a lebogela lorato, tirisano mmogo le ledula le a reng o a le akola kwa BDP ga mmogo le botshelo bo a reng o ne a sena bone fa a le kwa UDC.
Rre Lesaso o supile boitumelo ka boleng jwa BDP le go rerisana, selo se a tlhalositseng fa a se itemogetse ka Tautona Masisi.
Rre Lesaso o akgoletse Tautona Masisi go bo a na le lorato mo Batswaneng le lefatshe la Botswana.
“Nako le nako fa ke go reeditse ke bona tota gore lorato la gago le letona mo lefatsheng la Botswana. O rata lefatshe le, o batla go le direla gore Batswana ba anye maungo a lefatshe le, ba itumele, ba hume ba bo ba bone ditiro, mme re tshwanetse ra go lebogela seo,” a tlatsa.
Rre Lesaso o tsweletse a tlhalosa fa Tautona Masisi a supile fa a na le maikaelelo a go isa dikhumo tsa lefatshe kwa Batswaneng, jaaka kwa Makgobokgobong kwa a tlhomamisetseng fa Batswana ba bone ditshwanelo tsa bone.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : shoshong
Event : Meeting
Date : 29 Jan 2023