Mafatshe a Aferika a itshegetse tema
29 Jan 2023
Phuthego ya malatsi a mararo ya Dakar Feed Africa, e maikaelelo a yone e neng e le go go tswa ka metlhale e Aferika a ka ijesang, e wetse ka Labotlhano kwa Dakar, Senegal, mme mafatshe a itshegetse tema ya gore a ya go dira eng go lema dijo tse di lekaneng go fedisa tlala.
Phuthego e, e e ne e tsenwe ke mothusa tautona, Rre Slumber Tsogwane ga mmogo le bo tautona ba le baemedi go tswa kwa mafatsheng a le masome mararo le bone, a eleng maloko a African Union.
Baeteledipele ba gateletse botlhokwa jwa gore mafatshe a tswe ka ditlharabololo tsa go ka fedisa tlala ka go tswa ka metlhale e mafatshe a ka tlatsang difalana tsa Africa le go jesa lefatshe ka bophara.
Phuthego e dumalane gore mafatshe a tswe ka mananeo a temo-thuo a a ka tokafatsang temo e e ntshang dijo ka selekanyo se se kwa godimo le go tokafatsa boleng jwa temo ka kakaretso.
Rre Tsogwane, fa a abelana le balekane ba gagwe kwa phuthegong e, o boletse ka fa lefatshe la Botswana le gatetseng pele ka teng go itemela dijo, le go leka go fedisa tlala, ntswa go na le mathata a tlhaelo ya pula le phetogo ya loapi, e e kgoreletsang temo. A re kgothang fa gare ga batho le diphologolo, e a reng sa robatseng balemi barui ke nngwe ya tse di kgoreletsang kgolo ya temothuo.
O boleletse batsena phuthego gore Botswana jaaka a itsege ka nama ya boleng jo bo kwa godimo, puso e tsweletse ka metlhale e e farologanyeng, go tokafatsa mohama wa nama.
A re lenaneo la ga tautona la go aba dipoo le go gamola matute/meroto mo go tsone go godisa le go tokahatsa leruo, ke lengwe la mananeo a a tseetsweng ke barui kwa godimo fela thata,
O boletse fa go le botlhokwa gore kwa masimong, go dirwe ditlhabololo di tshwana le ditlhaeletsano, tsa maranyane, ditsela le go tla ka metlhalee e tlhofofatsang temo gore banana ba kgatlhegele mohama wa temothuo, ba e bone e ka ba lerele khumo.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa puso e dira go le gontsi go leka go godisa mohama wa temothuo go boela mo maemong a e kileng yabo ele mogo one ka nako tsa lefatshe le tsaya boipuso. A re lefatshe la Botswana le kile la bo le ikaegile ka temothuo, pele ga go bonwa diteemane.
Mo phuthegong e, banka ya Aferika ya dithabololo le mehama e mengwe ya madi e setse e itshupile fa e tlaa bula dikgoro go adima maAferika a madi go tlhabolela le go godisa mohama wa temo thuo. Batsena phuthego ba dumalane gore temo thuo ke yone fela e e ka tlhabololang le go tlisa khumo mo Aferika.
Phuthego e dumalane gore baeteledipele ba itlame go rotloetsa temo e e ntshang dijo tsa boleng jo bo kwa godimo ka selekanyo se se kwa godimo, ga mmogo le gore mafatshe ka bongwe ka bongwe ba supe tse ba eletsang go di dira mo mehameng e e farologanyeng ya temothuo, e e ka tsisang diphetogo tse di bonalang.
Go dumalanwe gape gore mafatshe a rotloetse ditlhotlhomiso/research, go tswelela ba leka go tokafatsa mohama wa temothuo, le gore madi a mafatshe a a abelang maphata a temothuo a okediwe mo ditogamaanong tsa mafatshe.
Phuthego e, e ne e tsenwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Africa a ijese a be a itsetsepele mo go ijeseng Feed Africa: food sovereignty and resilience. BOPA
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Senegal
Event : Meeting
Date : 29 Jan 2023