Breaking News

Mopalamente o rotloetsa dikhampani go fefosa ditiro

26 Jan 2023

Go diega go dira kana fetsa ditiro tsa ditlhabololo le go isa ditirelo tsa puso go a tshwenya.

E re ntswa le mororo puso e dira mananeo a a rothisang mathe sebe sa phiri ke gore go nna le tiego ya go diragatsa ditlhabololo tseo le mororo madi a ntshitswe.

Se se builwe ke mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang mo phuthegong ya kgotla kwa Mathako ka Laboraro.

Dr Gobotswang o boletse fa tshimolodiso le go feleletsa dikago dingwe go salatse kwa morago thata mme madi a dule gore di dirwe ka nako.

A re dingwe ga di isi di simololwe fa dingwe di santse di dirwa le mororo lebaka la tsone la gore di kabo di fedile le fetile. O boletse gore tiego a tshupa ga ditiro go dirwa ke gore ditsompelo tsotlhe le bodiredi jwa dikitso kitso bo le kwa Gaborone.

Dr Gobotswang a re gore seemo se tokafale, go tshwanetse ga tsewa bodiredi jo bo kwa Gaborone jwa dikitso le ditsompelo jaaka dikoloi go isiwa kwa dikgaolong kwa letlhoko le leng le ntsi teng.

A re gore kgaolo ya legare e bo e kgaogantswe gore dikgaolo dingwe tsa dikhansele di ikemele ka nosi ke kgatelo pele, ka go tlaa thuso gore ditirelo di goroge kwa ko bathong ka pele. A re mme go tshwanetse ga netefatswa gore bodiredi le jone bo isiwa kwa dikgaolong tseo, e seka ya nna puo ya dipounama fela. Le fa go ntse jalo, Dr Gobotswang o ne ba nankolela ka ditlhabololo tse di dumalanweng kwa palamenteng ee fetileng, tse di tsileng go dirwa mo lenaneong la ditlhabololo la nakwana.

O boletse fa lenaneo la Ipelegeng le tokafaditswe, la kagelo bonno la batlhoki le la madi a dikgaolo tsa bopalamente a P10million. A tlhalosa fa mananeo ao a santse a le teng go thusa mo nakong eno.

Fa ba mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mathako, Mme Gototamang Poulo, o ngongoregetse tlhaelo ya metsi mo motseng wa bone, a bolela fa ba bolawa ke lenyora, e bile go emisitse ditiro tsa bone tsa komiti.  A re ba nosiwa metsi ka go kgaolwa ba sielwa ka malatsi mo go sa lekanang. O boletse fa ba agela batlhoki matlo mme tlhaelo ya metsi e ba baya ka fa mosing.

 Mme Poulo o boletse fa madi a dikatso a Ipelegeng a tla morago  batho ba setse ba itlhobogile. O kopile gore seemo se tokafadiwe, a bolela fa le o ne a le mannye thata. Fa Mme Catherine Baitsi a boletse fa sekole se segolwane sa Mokobeng, se se tsayang le bana ba Mathako se le mo seemong se se ngomolang pelo, ka gore se makgasa baithuti ba robala mo dikamoreng tse di senang diokomelabagwe.

A re gape baithuti ba robala fa fatshe mo bodilong go sena tse di alwang jaaka materase.

O boletse fa go le leswe ba sa sireletsega, dilokhara tse ba bayang dilwana tsa bone mo teng le tsone di le makgasa mo e bileng bangwe ba utswela ba bangwe.

Fa araba, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami, Mme Onalethata Thitoyamore, o boletse fa ofisi ya ga mopalamente ka fa  tlase ga lenaneo la CCP e ba file madi a P4.6million go reka tse di tlhokwang kwa sekoleng sa Mokobeng, a bolela fa ba solofetse materase go tswa Gaborone mo bogaufing.

Mme Thitoyamore o tlhalositse fa maduo a dikole mo kgaolong a le kwa tlase thata bogolo jang baithuti ba basimane, a kopa thotloetso ya batsadi mo baneng ba bone. A re ba nne ba tlhodumela mo dibukeng tsa bana go bona gore ba dirile sentle ka na jang. A re se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.  BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MATHAKO

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 Jan 2023