Mmopane o tlaa agelwa sekole se segolwane
26 Jan 2023
Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja a re go tlaa agiwa sekolo se segolwane kwa motseng wa Mmopane.
Mme Makwinja o buile se, mo phuthegong ya kgotla bosheng, kwa a neng a lekodisa banni ba Mmopane ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo motseng wa bone.
A re sekolo seo se tlaa agiwa ka lenaneo la ditlhabololo le ditogamaano la nakwana, seo e le maiteko a go fokoletsa batsadi ditshenyegelo tsa go isa bana dikolong tse di kgakala.
Mo go tse dingwe, Mme Makwinja o boleletse banni ba motse oo gore puso e seegetse kwa thoko madi a ditlhabololo tsa metse go thusa mo go tlhabololeng ditsela tse di fa gare ga metse go tlhofofaletsa banni matshelo ka go ba atameletsa ditlamelo.
O boletse gape gore kgotla ya Mmopane e tlaa tlhabololwa go lebeletswe ka fa palo ya banni e godileng ka teng mo sebakeng seno.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmopane Botlhaba, Rre Golebaone Molefe o ne a supa fa ba tshenngwa ke leruo le le gobeyang fa gare ga motse le le setseng le ba senyetsa mo malwapeng.
A re go le gantsi fa leruo le saila le abo le le mo letsomong la metsi le phulo ka jalo a ikuela mo go tona go begela maphata a a lebaneng ka selelo sa bone.
Rre Molefe o ne tswelela ka gore go tlhoka ofisi ya boipelego mo motseng go beile batlhoki le bana-le-bogole ka fa mosing ka ditlamelo tse ba kabong ba di akola di seyo. O tlhalositse fa ba-na-le-bogole ba tsamaya sekgela se seleele go ya Ledumadumane mme ba dirisa ditsela tse di sa babalesegang.
O ne a tswelela gape a re lefifi le le fa gare ga motse ke lone le oketsang borukutkhi ka jalo a kopa tona go ba buelela le ba ba maleba go tsenya dipone ka seo se ka fokotsa borukutlhi.
O boletse gape fa ba tshwenngwa ke seemo sa sekole se sebotlana sa Tau-Manthe se a reng palo ya bana e fetile seelo sa 808, mme a kaya fa seo se dira gore baithuti ba felele ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.
A re seo se na le seabe mo kwelong tlaseng ya maduo a baithuti ba sekolo seo ka jaana fa ba rutelwang teng go sa ba siamela.
O ne gape a kopa tona go ba buelela le maphata a maleba ka letlhoko la dibuka le le amileng lefatshe ka bophara. A re thuto ke lesedi le le agang boitshwaro jwa bana mo setshabeng le go ba direla bokamoso jo bo molemo.
Fa a tswa ka la gagwe, Mme Edith Setlhoka wa komiti ya ditlhabololo ya Mmopane Bophirima a re dikolo tse di tletseng ka palo ya baithuti ke kgweetlho ka jaana ba patelesega go romela bana ba bone kwa toropong, selo se a reng ga se a ba siamela. Ka jalo a re mogopolo wa puso wa go aga sekolo se se golowane mo motseng oo ke kgato e ntle e e tlaa ba fokoletsang ditshenyegelo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa diofisi tsa ga kgosi di katologane le kgotla mme seo se ama ka fa ditirelo di tlang ka teng mo morafeng.
Mme Setlhoka o ne a tswelela a tlhalosa fa letlhoko la metsi mo kgotleng ya bone le ba tlhora boroko ebile seemo seo se ba sokodisa fa ba tshwanetse go tsenelela diphutego tsa kgotla.
Fa a araba dilelo tsa banni, bogolo jang letlhoko la metsi, moitseanape go tswa kwa koporasing ya metsi ya Mogoditshane o boletse fa mealo ya metsi mo kgaolong e saletse kwa morago ka jalo ba ne ba eleditse fa mo lenaneong la nakwana la ditlhabololo la ditogamaano go ka akarediwa go tsenya dipompo (standpipes) mo metseng.
Ka jalo o boletse fa tsholofelo e le gore fa lenaneo la go tlhabolola kgogelo ya metsi kwa Mmamashia le wela ba kgone go nosa Mmopane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ka Keagetswe Motsumi
Location : MMOPANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2023