Makwinja o lekodisa banni ka tsela
22 Jan 2023
Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja a re o tshwenngwa ke tiego ya go tlhabololwa ga tsela ya Mmopane Block 1.
Mme Makwinja o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Gaphatshwa bosheng.
O ne a tlhalosa fa go tlhabololwa ga tsela eo go ne go rulaganyeditswe go dirwa mo lenaneong la ditlhabololo la lesome le bongwe (NDP 11) le le neng le wela ngwaga o o fetileng.
O tlhalositse fa go ne ga nna le tiego ka jaana e ne ya re morago ga go abiwa ga thendara bangwe ba supa fa ba sa itumela mme kgang ya bone e santse e le fa pele ga lekgotla la ditsheko.
Le fa go ntse jalo, mopalamente o boletse fa ba tlaa tswelela ba e sala morago.
O ne a tlatsa ka gore puso e ne ya tsaya tshwetso go gagamatsa molao go netefatsa gore bao ba ba fiwang ditiro ba di dira kwa tlhwaafalo le ka nako.
Mo go tse dingwe, Mme Makwinja o boleletse banni fa puso e ne ya bona go tshwanetse go aga ofisi ya sepodise e le tsela nngwe ya go lwantsha borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng.
O boletse fa go tlaa agiwa le matlo a le lesome le bosupa a mapodise. A re se se tlaa dirwa ka fa tlatse ga lenaneo la ditlhabololo la nakwana.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Gaphatshwa, Rre Moemedi Mokgachane o ne a supa fa ditshekatsheko di tsweletse go bona fa puso e ka agelang ba sepodise diofisi teng mme seo se tlaa dirwa go lebeletswe gore banni ba tla kgona go goroga teng ntle le bothata bope.
O tsweletse ka go kopa banni gore ba tsenelele lenaneo la ntebele ke go lebele ka le le botlhokwa mo go lwantsheng borukuthi.
Mo go tse dingwe, Rre Mokgachane o ne a gakolola ba ba hirisetsang batho matlo mo motseng go tsaya boikarabelo jwa go itse ka fa bao ba ba neelang mantlo ba tshelang ka teng go itsa go nna le dirukutlhi mo malwapeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Neo Taboka a re e re ka jaana ba tshwenngwa ke borukutlhi mo kgaolong, ba utlwisiwa botlhoko ke gore fa ba kopa thuso kwa go ba sepodise kwa Mogoditshane ga ba ba tsibogele ka bonako ka ba le kgakala.
O ne a tswelela a re kgang ya paakanyo ya tsela e e salang ba e solofetse e ba amile ka ba ne ba solofetse gore go baakanngwa ga ditsela tse di tsenang mo motseng go ka bo go setse go simolotswe.
Mme Bakgori Molatlhegi yo e leng monni wa Mmopane Block 1, a re lerole la ditsela tsa motse le tsere phekelo e sele ebile seo se setse se baya botsogo le matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 22 Jan 2023