Breaking News

Komiti e kopa paakanyo ya melawana

19 Jan 2023

Ba komiti ya ditlhabololo ya motse kwa Kalamare ba kopile gore melawana a laolang tiriso ya madi a komiti e seka sekwe gore ba kgone go dirisa madi a komiti mo ditirong tse dingwe tse ba di dirang go tlhabolola morafe.

Modulasetilo wa komiti Rre Kgotlaetsile Bagakgametse are ba tsweletse ka tiro ya go agela motlhoki ntlo, mme sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi ka jalo ba sa kgone go feletsa tiro eo. 

A re keletso ya bone ke gore ba rebolwe go dirisa madi a ba kgobokanyang ka go hirisa matlo go feleletsa kago ya ntlo eo.

Rre Bagakgametse  o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Aubrey Lesaso.

A re komiti e ne ya ithaopa go agela mongwe ntlo ka jalo kopo e le gore ba letelelwe go dirisa madi a mo letloleng la polokelo la komiti, le fa tota a sa lebagana go dira tiro eo.

A re komiti e tlhaelelwa ke madi go dira ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse ba di eletsang, a tlatsa ka gore mo nakong eno go hirisa matlo ke one motswedi o le nosi o tsenyang madi mo letloleng la polokelo madi la komiti.

Pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e supile gape gore motse wa Kalamare o na le bothata jwa metsi le motlakase. 

Rre Bagakgametse a re metsi le motlakase ga di ise di goroge mo mafelong mangwe a motse o.

O tsweletse are sengwe se se ba tshwenyang ke gore ga ba na setlankana sa mabitla ka jalo ba sa kgone go dira dipaakanyo dipe kwa go one jaaka go shafatsa terata e ageletseng lefelo leo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : KALAMARE

Event : Phuthego

Date : 19 Jan 2023