Breaking News

Maphata a gwetlhiwa go agela bodiredi matlo

19 Jan 2023

Tlhaelo ya  bonno e supilwe fa ena le seabe mo go tlhaeleng ga bodiredi mo mafelong mangwe. 

Se se gwetlhile mopalamente wa Ngami, Rre Caterpillar Hikuama go rotloetsa maphata a puso go tsaya boikarabelo jwa go agela bodiredi jwa one matlo.

Rre Hikuama o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Nokaneng bosheng. 

Se se tlaa morago ga pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e e neng e supa fa go na le tlhaelo ya matlo a bodiredi jaaka barutabana le ba botsogo.Rre Hikuama a re motse wa Nokaneng ga o na matlo a lekalana la Botswana Housing Corporation le le thusang bodiredi ka matlo mo metseng e mengwe e e tlhabologileng.

Ka jalo o gakolotse maphata a puso gore jaaka a tsweletse a dira mananeo a ditlhabolo a tlhome kwa pele kgang ya go agela bodiredi bonno.A re lefatshe le ka se tlhabologe fa bodiredi jwa lone bo sa itumela, mme a re go tlhoka bonno ke nngwe ya tse di kgoreletsang bodiredi go dira ka natla.

Rre Hikuama one a supa fa puso e tlhaelelwa ke madi ka jalo e sa kgone go araba dilelo tsotlhe tsa setshaba. Le fa gontse jalo one a re ga ana go swa lentswe, o tla a tswelela a isa dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe kwa makalaneng a maleba.

E rile a itebaganya le dikgang tse dingwe, Rre Hikuama a re letlhoko la melemo mo dikokelong le apere lefatshe lotlhe mme a re go lebega modi wa kgang ele go fetolwa ga ba ba rekisetsang puso melemo.

Le fa go ntse jalo a re tona wa botsogo o tshepisitse gore seemo se tla a potlakelwa.

O tsweletse a re tlhaleo ya baoki le dingaka e dirwa ke gore bodiredi joo bo bona mafulo a matalana mme a re palamente e gwetlhile lephata la botsogo go baakanya seemo seo ka go sekaseka dituelo tsa bodiredi.

Dingwe tsa dikgang tse di neng di tsa begwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Justice Ngaruka ke tlhaelo ya matlwana a borutelo. Rre Ngaruka o supile gore dikago tsa sekole di setse di onetse. 

O tsweletse are banni ba Nokaneng ba kopa go agelwa sekole se segolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : NOKANENG

Event : Phuthego

Date : 19 Jan 2023