Ba Modipane ba lela ka seemo sa ditsela
19 Jan 2023
Banni ba Modipane ba lela ka seemo sa ditsela mo kgaolong ya bone tse ba tlhalositseng fa di sa tsamaege.
Ba boleletse Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule mo phuthegong ya kgotla kwa Modipane bosheng go re dikoloi di oketsegile thata mo motseng wa bone, ka jalo ditsela di tshwanetse tsa tlhabololwa.
Ba kopile gore tsela ya Modipane-Mokatse e tshelwe sekontere ka jaana e na le lebaka e dirisiwa ele mo seemong se se maswe.
Banni ba kopile gore khansele e tswe ka maano a a ka thusang gore seemo sa ditsela mo Kgatleng ka bophara se tokafadiwe.
Ba re ba fetwa ke ditlhabololo ka jaana bagwebi ba kgatlhegela metse e e nang le ditsela tse di tsamaegang.
Mopalamente Pule o ne a tlhalosa fa a itse ka seemo sa ditsela mo kgaolong ya gagwe mme a tlhalosa fa a tshwaragane le maphata a puso go leka go thusa.
O ne a kopa gore ba lephata la ditsela mo Kgatleng ba nne seopo sengwe le puso mo go tlhabololeng ditsela.
Mopalamente one gape a ba rotloetsa go tswa ka maano a a ka thusang puso gammogo le go tokafatsa ditirelo tse ba di isang kwa Batswaneng.
Rre Pule o ne a supa fa puso e sa nna fela mme e tsweletse ka go thusa Batswana ka kakaretso.
Mokganselara wa Modipane, Rre Basimanekgosi Hule o ne a akgolela banni go tla ka dipalo tsedi kwa godimo mo diphuthegong tsa kgotla.
A re go botlhokwa gore ba nne batla go buisanya ka tse di amang motse wa bone le go gakololana.
O ne a tsibosa banni ka borukhutlhi jo bo tsweletseng ka go ata jwa go utswiwa ga batho mo lefatsheng la Botswana, a gakolola gore ba ikele tlhoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pako Modise
Location : MODIPANE
Event : Phuthego
Date : 19 Jan 2023