Ba Masilo ba kopa ditsha tsa bonno
18 Jan 2023
Banni ba kgotla ya Masilo kwa Serowe ba lela ka tiego ya go abelwa ditsha tsa bonno ke lekgotla la kabo ditsha le le potlana la Serowe.
E rile ba bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi ka Mosupologo, banni ba tlhalositse fa ba le sebete se molangwana ka bonya jwa go abiwa ga ditsha, selo se ba supileng se ba tsisetsa boitlhobogo.
Kgosi Lesang Lesang wa kgotla ya Masilo a re ba ne ba solofediwa ditsha tse kgaolwana ya bone e ka atologelang kwa go tsone mme go tla go tsena mo nakong eno seo se ise se diragale.
A re e ne ya re ka 1996 fa ba fudisiwa kwa ba kileng ba bo ba nna teng go sutela go agiwa ga maemelo a dipalamo tsa setshaba a Serowe ba solofediwa fa gone kwa ba isiwang teng kwa kgotleng ya Masilo ba tlaa abelwa ditsha gore motse wa bone o phuthologe.
Kgosi Lesang o ne a kopa gore ba kabo ditsha ba ba abele ditsha mo sekiding sa lefatshe se se ijang fela mo kgotleng ya bone.
Fa a tlatsa matshwenyego a ga kgosi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa kgaolwana eo Rre Lekgotla Rammutsi o ne a supa fa e le boammaaruri ba ne ba solofediwa ditsha mme nako kgolo e le eno.
Mo go tse dingwe Rre Rammutsi o boletse fa komiti ya bone e kgonne go tsenyetsa le go abela bagodi ba kgotla eo dipompo tsa metsi ba le bararo mo go ba le botlhano ba ba neng ba ikaeletse go ba direla jalo pele ngwaga o o fetileng o ya fifing.
Monni Mme Malebogo Oitsile ene o ne a kopa ditsela mo kgotleng ya Goo-Mpshwe gore ba kgone go akola ditirelo tsa dipalamo tsa setshaba tse di tsamayang mo gare ga motse sentle.
A re bakgweetsi ba dipalamo tseo ba ba folosa kgakala le kwa ba ya teng ka ntlha ya go sa tsamaegeng ga ditsela.
Rre James Phirinyane ene o ikuetse ka tshenyo e e dirwang ke diphologolo tsa naga di akaretsa ditholo, ditlou le bophokoje, a supa fa di busetsa kwa morago maiteko a Batswana a go itirela dijo
A re e re le mororo puso e rotloetsa mowa wa boipelego mo setshabeng, tshenyo ya diphologolo tse kwa masimo e phirimisa maiteko a banni a go ipelega. Rre Phirinyane o ne a kopa puso go sekaseka go akaretsa diphologolo jaaka ditholo le bo phokoje mo go tse tshenyo ya tsone e nang le phimolo dikeledi.
E rile a ba kgwa dikgaba, Mme Nametso Rebabonye go tswa kwa lekgotleng le lebotlana la kabo ditsha la Serowe a tlhalosa fa e tlaa re pele ga ngwaga ono o ya fifing go bo go go abilwe ditsha tsa bonno di ka nna makgolo a matlhano kwa dikgotleng tsa Tshikinyega le Dinokwane ka jalo a kopa banni go nna pelotelele ka le bone ba tlaa abelwa ditsha mo tsamaong ya nako.
Mme Rebabonye o boletse fa peo ya bofelo ya ditsha tsa bonno e nnile ka 2016 kwa Serowe, mme a boa a supa fa mo nakong eno go nale dikopo di feta dikete tse tlhano.
Fa a ba buisa, mopalamente Rre Lesedi o ne a ama dikgang di le mmalwa mme dingwe tsa tsone e le koketsego ya dikgaolo tsa botlhophi, tlhaelo ya melemo mo dikokelong ga mmogo le kwelo tlase ya mowa wa boipelego.
Mo go ya boipelego, Rre Lesedi o tlhalositse fa banana segolo bogolo ba le boitseme go ka itlhabolola, a tlhalosa fa go ntsha lefatshe la gagwe bosheng go ka dirisiwa ke banana mo go tsa temo-thuo go iteile sefololetse ka ba ba neng ba iphesitse go ka akola thulaganyo eo ba ne ba phuaganya tse ba neng ba re ba a di dira. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atang Mosinyi
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 18 Jan 2023