Breaking News

Kago ya matlo a baithuti e tsweletse kwa Kalamare

18 Jan 2023

 Kago ya matlo a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare e solofetswe go wela ka kgwedi ya Mopitlo.

Le fa go ntse jalo, Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o kgothaditse di konteraka tse di filweng tiro eo, go fefosa dinao gore tiro e wele ka nako. Rre Lesaso o buile jalo morago ga go lekola dikago tseo bosheng.

Dikago tse di tsweletseng di akaretsa matlo a boroko a baithuti le a batlhokomedi ba bone ba le babedi.  

Beng ba dikonteraka tse di dirang tiro eo, go akarediwa ya kgokelo ya motlakase ba solofeditse go wetsa tiro ya bone kgwedi ya Mopitlo e ya fifing.

Nngwe ya ditiro tse di dirwang mo sekoleng seo ke go atolosa lefelo la boapeelo le go tsenya ditsidifatsi, kago ya matlwana a boiteketso a baithuti le diofisi tsa bodiredi jwa sekole tse mo nakong eno di emeng ka go gokelwa metsi le motlakase.

E re dikgang di eme jalo, Rre Lesaso o akgotse sekolo se se potlana sa Kalamare morago ga go dira bontle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa lekwalo la bosupa. 

Rre Lesaso are sekolo sa Kalamare se itlhomile kwa pele ka go tsaya maemo a ntlha mo kgaolong ya Shoshong.

A re ka palo kakaretso baithuti ba ba pasitseng ka ABC ba dirile 76.7%, seo se ba baya mo maemong a ntlha mo kgaolong ya Shoshong. 

Rre Lesaso are  baithuti ba le lesome le bobedi ba pasitse ka letshwao la A, ba le lesome ba tsere  B fa bale masome mararo le motso ba tsere letshwao la C.

O kopile batsadi go ema dinao ba tshwaraganela bana le barutabana gore sekolo se tswelele ka gontsha maduo a a itumedisang.

 BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : KALAMARE

Event : Phuthego

Date : 18 Jan 2023