Mogwe o kgothatsa baithuti ba Mmatshumo primary
18 Jan 2023
Baithuti ba sekolo se se potlana sa Mmatshumu ba rotloedistwe go ikaega ka thuto.
Moopedi wa setlhopha sa mmino wa setso sa Culture Spears, Rre Kabelo Mogwe o boleletse baithuti gore thuto ke motheo wa botshelo ka jalo go botlhokwa gore ba ithute ka tlhwaafalo.
Rre Mogwe o buile jalo ka Labotlhano kwa Mmatshumu jaaka a ne a patile mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe mo loetong la gagwe la go buisa diphuthego tsa morafe le go lekola dikgago tsa puso le makalana ka go farologana.
Rre Mogwe, yo o tlholegang mo motseng wa Mmatshumu o tlhalositse gore le fa mongwe wa baithuti a eletsa go tsena mo kgwebong ya mmino go botlhokwa gore a itebaganye le thuto pele.
O tlhaloseditse baithuti, ba ba neng ba itumeletse leeto la ga gagwe, gore mmino ga se wa ba o ba ba tlhaetseng thuto, a re le ene mo nakong ya gompieno o na le keletso ya tsena sekolo a oketsa dithuto tsa gagwe. Mogwe are se se botlhokwa ke gore baithuti ba reetse ditaelo tsa barutabana le go botsa fa ba sa tlhaloganye.
O tsweletse a supa gore maikalelo a gagwe ke go tshwaragana le sekolo seo, mme a tla dira maiteko a go nna a rotloetsa baithuti ba lekwalo la bosupa gore ba kgone go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaola-kgang.
Rre Mogwe o tlhalositse gore o alogile mo sekoleng se, a supa fa ka nako ya gagwe le baithuti ka ene ba ne ba raletse dikgwetlho tse dintsi, mme seo sa seka sa mo itsa go dira ka natla.
O supile gape gore maikaelelo a gagwe ke go tsamaya a ruta ka kgokgontsho ya bong, ka jalo a re o ikuela mo makalaneng le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go lwantsha kgokgontsho go tshwaragana le ene mo mosepeleng wa gagwe.
Fa a buisa baithuti, Rre Lelatisitswe a re sekole sa Mmatshumu se tswa kgakala se dira bontle mo dithutong ka jalo are baithuti ba tlhoka thotloetso gore ba kgone go dira sentle. Rre Lelatisitswe o rotloeditse baithuti gore ba ba seka ba repisa, ba itse gore ke jaaka ba simolodisitse mosepele wa go ipaakanyetsa isago e nonofileng.
O ne a abela baithuti ba mephato e kwa tlase didirisiwa tse di tla ba thusang go simolodisa tiro ya bone ya sekole.
O kgotlhaditse barutabana ba sekole seo go tsweledisa tiro ntle e ba e dirang ya go ntsha maduo aa nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MMATSHUMU
Event : Phuthego
Date : 18 Jan 2023