Breaking News

Ba Lehututu ba gwetlhiwa go dirisa Ipelegeng

18 Jan 2023

Banni ba Lehututu ba rotloeditswe go dirisa lenaneo le lesha la Ipelegeng ka le ka nonotsha dikitso tsa bone mme morago ba abelwe ditlankana tse ka tsone ba ka kgonang go iteka lesego mo ditirong tsa diatla.

Se se builwe ke Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla mo phuthegong ya kgotla bosheng.

Mme Monnakgotla o ne a rotloetsa morafe go nonotsha tirisanyo mmogo ya bone le bodiredi, go netefatsa gore ditirelo di ntshiwa ka fa tshwanelong.

O ne a tlhalosa fa go tlhatlosiwa maemo ga kgaolo potlana ya Hukuntsi go tlaa ba sologela molemo, ka jaana go tlaa thusa go atumetsa ditirelo gaufi le batho. 

A re seo, gape se tla ba thusa go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go tsaya maeto a maleele go ya Tsabong.

Mme Monnakgotla o ne a rotloetsa setshaba go nna pelotelele ka tlhatloso maemo eo, a re tiro ya go atumetsa ditirelo ga se selo se se diragalang ka ponyo ya leitlho. 

O ne a supa matshwenyego ka go sa dirwe ga ditiro tse di neng di abetswe morafe go itlhabolola ka tsone.

Mme Monnakgotla o ne a gakolola banni go tsenya moko dinameng mo ditirelong tseo, a re ka tsone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko ya sennela ruri mo motseng go fokotsa letlhoko la ditiro.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olsen Mantle o gwetlhile banni go tsaya karolo mo ditirong tsa bopelotlhomogi go thusa bao, ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O buile seo morago ga gore ba thusiwe ke ba kompone ya Majwe mining ka madi a a ka tshwarang P20 000. 

O tlhalositse fa madi ao, e le bontlha bongwe jwa madi a kgobokantsweng ka mogwanto wa Bush walk o tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Jwaneng.

A re madi ao, a tla diriswa go tlhabolola sekole sa bana ba ba kwa tlase ka dingwaga. 

Rre Mantle a re banni ba seka ba nna ba ipona tsapa go tsenelela ditiro tsa mohuta oo ka jaana seabe sa bone se ka thusa go tlhabolola matshelo a batho, segolo ba ba kgakala le ditlamelo.

O ne a lebogela tshwaragano ya mopalamente wa kgaolo le kompone eo, ka jaana ba kgonne go oba lebogo. 

O ne a gwetlha morafe gore o seka wa leba fela kwa bagwebing le puso go thusa ka madi, mme a ba gwetlha go tsosolosa mowa wa boipelego.

A re go dira jalo, go ka thusa go fefosa ditirelo tse di saletseng kwa morago mo motseng, go thusa puso ka jaana e lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la madi. 

Mo go tse dingwe, Rre Mantle o ne a supa fa ba lebogela go tlhatlosiwa ga kgaolo potlana ya Hukuntsi go nna e e ikemetseng. 

A re seo, se ba fa tsholofelo ya gore go tlaa ntshiwa ditirelo tsa boleng jo bo rileng di goroga kwa   banning  mo kgaolong ka bophara.

O ne a lebogela tekeletso ya lenaneo le le sha la Ipelegeng, le a reng ka lone ba solofela le tla tsisa pharologano mo go ba ba le tsenelelang. Banni ba ne ba kopa gore go gokelelwe dipone tsa mo mekgwatheng, go tlhatlosiwa ga kokelwana ya motse, le go agelwa phaposi ya babelegisi.

Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Prince Montshiwa, o ne a lebogela loeto la mopalamente, a supa fa e le tsela nngwe e morafe o kgonang go buisana le ene ka dikgwetlho tsa motse go di fetisetsa kwa Palamenteng.

Kgosi Montshiwa o ne a gwetlha banana go tsena diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane, go tla go ntsha megopolo e ka thusang go araba dilelo tsa bone. 

Fa a leboga, Mokhanselara wa Lehutuhu/Maake, Rre Moratwa Lekolori, o ne a rotloetsa banana go ema ka dinao, go kwadisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go phadisanya le bagwebi ba bangwe.

O ba kopile go netefatsa gore ba tsenelela dithuto tsa go tsamaisa kgwebo go inonotsha gore ba tle ba ntshe ditirelo le dithoto tsa boleng jo bo eletsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LEHUTUTU

Event : Phuthego

Date : 18 Jan 2023