Lenaneo la ISPAAD le ya bokhutlong
18 Jan 2023
Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao a re lenaneo la temo la Integrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD) le ya bokhutlong monongwaga ka kgwedi ya Mopitlo.
Rre Molao o boletse seo mo diphuthego tsa kgotla kwa Mathangwane le MafhungoHubona bosheng.
A re fa e sale lenaneo leo le tlhongwa ka 2008 maduo a lone ga se a a itumedisang ka balemi ba sa kgone go bona maduo a go ntsha dijo a a neng a ikaeletswe ka lenaneo leo.
A re ISPAAD e tla emisediwa ka lenaneo le lesha la Temo Letlotlo le le tlaa bong le le pharologanyo le thusa go oketsa thobo.
O tsweletse a re ka ISPAAD ba lemogile fa balemi ba ne ba sa kgone go ntsha dijo tse di lekaneng. Rre Molao a re molemi o ne a kgona go tswa ka dikgetsi tse di fa tlase ga lesome mo ekereng e go solofetsweng e ka bo e ntshitse masome mabedi kana go feta.
Mopalamente yo ebile eleng tona ya temo thuo a re lenaneo la Temo Letlotlo le tlaa rolelwa Batswana sentle fa le setse le tsena mo tirisong.
O ne a gakolola banni go dirisa lenaneo la go lema morogo ka madi a a tsewang kwa National Development Bank a re ka thulaganyo ya lenaneo leo ga go batlege dilo tse dintsi.
Mo go tse dingwe, Rre Molao o lekodisetse banni fa thulaganyo ya go dira tsela ya Mandunyane-Mathangwane e tsweletse.
A re ditiego di nnile teng tse di bakilweng ke tsamaiso ya dithendara le go gogagogana ga borakonteraka.
O boletse fa tiro eo e abetswe madi a P750m go e dira. A re madi ao a tlaa tswa ka go ketolwa go ya ka dingwaga, a kaya fa ka 2023 go tla dirisiwa P300m, ka 2024 go dirisiwe P450m.
Banni ba ne ba ngongorega ka bonya jwa go dirwa ga tsela eo e e lomaganyang Mathangwane le metse ya Chadibe le Mandunyane.
Ba re ba tswa kgakala ba solofetswa tsela eo mme nako kgolo ke eno. Ba ne gape ba ngongorega ka bonya jwa go aba ditsha. Rre Lawrence Moloi yo eleng monni wa Mathangwane a re ke gangwe le gape mo diphuthegong ba bolelelwa ka thulaganyo ya tsela eo mme go sena tswelelopele epe e e bonalang.
Monni yo mongwe wa Mathangwane, Mme Bose John a re le fa puso e tsere tshwetso ya go thibela go tsena ga merogo kwa dikgorong tsa melelwane go na le batswakwa ba ba hirisitseng ditshingwana tsa merogo mono.
A re seo se beile balemi ba merogo ka fa mosing ka ba phadisanya le bone kwa marekisetsong. Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Rre Molao a re Batswana ba na le go itlhaba ka thipa mpeng, a re batswakwa bao ba filwe ditshingwana tseo ke Batswana.
O boletse fa tlhaelo ya melemo kwa dikokelong e le selelo se se apereng lefatshe ka bophara. A re puso ga e a nna fela mme e leka ka bojotlhe go re balwetse ba kgone go bona dipilisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MATHANGWANE
Event : Phuthego
Date : 18 Jan 2023