Breaking News

Maduo a dikolo a tshwentse mopalamente

17 Jan 2023

Maduo a kwa tlase a ditlhatlhobo tsa makgaola kgang tsa lekwalo la bosupa a dikole tsa kgaolo ya Shoshong ga a jese diwelang. 

Mopalamente wa kgaolo, Rre Aubrey Lesaso o supile fa a sa itumedisiwe ke seemo se ka Laboraro mo phuthegong ya kgotla kwa Mmutlane. 

A re sekole se se potlana sa Mmutlane ga se dire sentle gotlhelele ka maduo a sone a tsweletse ka go wela tlase.

Rre Lesaso are ka  ka ngwaga wa 2020 se ne se gatisitse 77.8%, mme ngwaga o o latelang sa wela tlase ka tshoboko ya maduo e nnile 45%. Le fa go ntse jalo are ngogola se tokafaditse ka go bona 57.1%.

Rre Lesaso a re go botlhokwa gore bana ba rotloediwe go dira ka natla mo dithutong tsa bone. O supile fa palo ya baithuti ba sekole se ele kwa tlase ka jalo go ka nna motlhofo gore ba thusiwe ka tshwaragano ya batsadi le barutabana gore ba kgone go ntsha maduo a nametsang.

O kopile batsadi go tsaya tiro ya bana ya sekole ka tlhoafalo, a re ba tsenye letsogo mo go tokafatseng maduo a bana gore ba nne le bokamoso jo bo siameng. 

Rre Lesaso a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba dira tiro ya sekole sentle. 

O ba rotloeditse go tla ka metlhale e e tla thusang go ruta bana le go ba tlhokomela.

Rre Lesaso o ne gape a supa  ngongorego mabapi le boitshwaro jwa bana ba ba nnang kwa dikoleng, ka jalo a kopa batsadi go tlhola bana fa ba ile dikolong gore ba seka ba kotlomela maikutlo.

Dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang banni ba motse wa Mmutlane ke tiego ya go bewa ditsha tsa bonno, go kgaoga kgapetsa kgapetsa ga motlakase, tlhaelo ya metsi le bogodu jwa leruo. Ka jalo ba kopa gore lenaneo la Kgomo Khumo le boele mo kgaolong ya bone.

Bangwe ba supile fa ba saletse morago mo temong ka mabaka a gore dipeo di gorogile go le thari, ba tlhalosa fa seemo seo se tla kgoreletsa go bona thobo e nametsang le ntswa matshelo a bone a ikaegile ka temo.

E rile a tsibogela mangwe a matshwenyego a morafe, mookamela mapodisi a Mahalapye Superintendent Omphile Malemenyane o ne a supa fa barui bangwe ba sa bege dikgang tsa bogodu jwa leruo, ka jalo a ba gakolola gore ba tsise dikgang tse kwa go bone gore ba kgone go thusiwa nako e santse ele teng.

O boletse fa lenaneo la Kgomo Khumo le le teng mme le tla tswelela ka go thusa.

Fa a akgela, Rre Lesaso o supile fa a utlwile mathata a banni mme a ba solofetsa fa a tla itebaganya le maphata a a maleba go netefatsa gore tsotlhe tse di ba tshwentseng di boela mo seemong se se itumedisang.

Le ntswa puso e tlhaelelwa ke madi, Rre Lesaso a re maiteko a tsweletse go araba dikopo tsa bone le go fokotsa letlhoko le ba nang le lone. 

O ba gakolotse go nna ka tsholofelo ya gore ditlhabololo di tla goroga mo motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Fati

Location : MMUTLANE

Event : Phuthego

Date : 17 Jan 2023