Ba Sefhophe ba lela ka tiego ya ditlhabololo
17 Jan 2023
Go salela morago ga ditiro tsa ditlhabololo go tshwentse banni ba Sefhophe.
Morafe o ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla e neng e biditswe ke mopalamete wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi bosheng.
Ba supile fa ba sa itumedisiwe ke go ngodiega ga ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo motseng wa bone.
Nngwe ya ditiro tse di ba tshwenyang ke tiego ya kago ya leobo la kgotla.
Ba supile gore le fa ba dira maiteko a go ikuela kwa bogoging jwa khansele potlana ya Bobirwa ga go nko e tswang lemina.
E rile a itebaganya le tiego ya kago ya leobo la kgotla, Kgosana Goutwa Alethaeng wa kgotlana ya Mafoko a supa fa motse wa Sefhophe o setse o godile mme o saletse kwa morago ka ditlhabololo.
Kgosana Alethaeng a re le fa puso e dira maiteko a gore ba direlwe ditlhabololo, sekgoreletsi e nna ba ba rongwang go di diragatsa.
Rre Alethaeng a re tiego ya kago ya leobo e tla felela e dira gore madi a boele kwa pusong kwa gore ngwaga wa madi o gaufi le go wela.
E ntse ele kwa phuthegong eo, mongwe wa banana ba motse, Mme Badiri Mothusi o supile fa a tshwenngwa ke tsamaiso ya khiro e sokameng.
Mme Mothusi a re seemo seo se ba baya ka fa mosing a re le fa go thapiwa batho mo ditirong tse di sa tlhokeng dithutego dipe di tshwana le ya go sela matlakala, go phepafatsa banni ba motse ba fiwe sebaka sa go iteka lesego.
A re ba nna ba bona go thapilwe batho go tswa kwa mafelong a mangwe le ntswa go na le bana ba ba ka dirang ditiro tsa go nna jalo mo Sefhophe.
E rile tsibogela dikgang tseo, Rre Molebatsi a supa fa le ene a tshwenngwa ke gore ditiro tsa ditlhabololo dingwe tse di ntshewitsweng madi di saletse ko morago.
O tsweletse a supa gore nngwe ya dikgang tse di tshweyang thata mo nakong eno ke tlhaelo ya dijo, dibuka tse bana ba kwalelang mo go tsone, didirisiwa tsa phepafatso mo dikolong tsa kgaolo ya gagwe ka go farologana.
Ka jalo o buile ba lekalana la thuto go tsibogela seemo se, go tila gore bana ba kgoreletsege mo dithutong tsa bone.
A re se se tshwenyang le go feta ke gore ditiro dingwe tse di sa tsamaeng sentle kana di saletse morago di ntsheditswe madi a go di dira, ka jalo se se lemotshegang ke tlhaelo ya tsamaiso e lolameng.
Rre Molebatsi are seemo se, se supa gore badirelapuso bangwe ba adimile tshwene marapo.
Le fa go ntse jalo Rre Molebatsi o supile gore motse wa Sefhophe o tla agelwa ofisi tsa kgotla mo lenaneong la ditlhabololo. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SEFHOPHE
Event : Phuthego
Date : 17 Jan 2023